bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Mark 8
Mark 8
Tswana Setswana 1970
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 9 →
1
Mo malatsing ao ga bo go le batho ba bantsi gape fa go Jesu, mme ba se na se ba ka se jang. A ipiletsa barutwa, a ba raya a re:
2
“Ke utlwela batho ba botlhoko, ka gonne jaanong ba setse ba tlhotse le nna malatsi a mararo, mme ga ba na se ba ka se jang.
3
Fa nka ba phatlalatsa go ya kwa magaeng a bone ka tlala, ba ka felelwa ke thata mo tseleng; gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala.”
4
Barutwa ba gagwe ba mo araba ba re: “Dinkgwe di ka tswa kae tse motho o ka kgorisang batho ba ka tsona mono sekakeng?”
5
Jesu a ba botsa a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re: “Di supa.”
6
Jaanong a laela batho gore ba nne fa fatshe, a tsaya dinkgwe tse di supang, a leboga, a di nathoganya, a di neela barutwa ba gagwe, gore ba di ba bee pele; ba di baya batho pele.
7
Mme ba bo ba na le ditlhatswana di se kae; ya re a sena go di lebogela, a re le tsona ba di bewe pele.
8
Ba ja ba kgora, ba be ba sela masadisa, a tlala ditlatla di supa.
9
E ne e ka nna ba ba dikete tse nne; jaanong a ba naya tsela.
10
A akofa a palama mokoro le barutwa ba gagwe, a ba a fitlha kwa dinageng tsa Dalemanutha.
11
Jaanong ga tla Bafarisai, ba simolola go ganetsanya nae, ba batla sesupo mo go ene se se tswang kwa legodimong, mme e le go mo leka.
12
Mme a fegelwa thata mo moweng wa gagwe a re: “Losika lo, lo batlelang sesupo? Ammaaruri ke lo raya ke re: Losika lo ga lo kitla lo newa sesupo sepe!”
13
A ba tlogela, a boa a palama mokoro, a tshelela kwa moseja.
14
Ba bo ba lebetse go tsaya dinkgwe; le mo mokorong ba se na sepe, fa e se senkgwe se le sengwe fela.
15
Jesu a ba tlhagisa a re: “Tlhokomelang, lo itise mo matlhabegong a Bafarisai le mo matlhabegong a ga Herote.”
16
Ke fa ba akanya mmogo ba re: “Ke ka gonne re se na dinkgwe.”
17
Ya re ka Jesu a itse, a ba raya a re: “Lo akanyetsang gore ga lo na dinkgwe? A ga lo ise lo lemoge, le fa e le go tlhaloganya? A dipelo tsa lona di sa ntse di siregile?
18
A ga lo bone, le fa lo na le matlho? A ga lo utlwe, le fa lo na le ditsebe? A ga lo gakologelwe gore
19
e rile ke nathoganyetsa ba ba dikete tse tlhano dinkgwe tse tlhano, lwa tsholetsa ditlatla di le kae, di tletse masadisa?” Ba mo raya ba re: “Di le 12.”
20
“Gape e rile ke nathoganyetsa ba ba dikete tse nne dinkgwe tse di supang, lwa tsholetsa ditlatla di le kae, tse di tletseng masadisa?” Ba mo raya ba re: “Di supa.”
21
A ba raya a re: “Mme go ntse jang, fa lo ise lo tlhaloganye?”
22
Jaanong ba fitlha mo Betsaita. Foo batho ba tsisa sefofu kwa go ene, ba mo rapela gore a se ame.
23
A tshwara sefofu seatleng, a se gogela kwa ntle ga motsana, a se kgwela mathe mo matlhong, a se baya diatla, a se botsa a re: “A o bona sengwe?”
24
Sa lelala sa re: “Ke bona batho; mme ke ba bona ba tsamaya, e kete ke ditlhare.”
25
A boa a se baya diatla gape mo matlhong, sa ba sa leba thata, sa fodisiwa, sa bonela tsotlhe sentle kwa kgakala.
26
Jaanong a se romela kwa ntlong ya sona a re: “O se ka wa tsena mo motsaneng le e seng go bolelela ope mo go ona.”
27
Jesu a tloga foo, a ya kwa metsaneng ya Kaisarea-Filipi, a na le barutwa ba gagwe; a ba botsa mo tseleng a re: “Batho ba re, nna ke mang?”
28
Ba mo araba ba re: “Bangwe ba re, o Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re, o Elia; ba bangwe gape ba re, o mongwe wa baporofeti.”
29
A ba botsa gape a re: “Mme lona lo a re, ke mang?” Petoro a mo araba a re: “O Keresete.”
30
Foo a ba laela thata gore ba se ka ba bolelela ope ka ga gagwe.
31
Jaanong a simolola go ba ruta gore Morwa-Motho o tshwanetse go boga dilo tse dintsi, le go latlhwa ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, le go bolawa, le go tsoga morago ga malatsi a mararo.
32
Lefoko le a le bua ka phuthologo. Ke fa Petoro a mo tseela kwa thoko, a simolola go mo kgalemela.
33
Mme Jesu a retologa, a leba barutwa ba gagwe, a kgalemela Petoro a re: “Mpota morago, Satane! Gonne ga ò batle tsa Modimo, ò batla tsa batho.”
34
Jaanong a ipiletsa batho ba ba leng teng mmogo le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapaano sa gagwe, a ntshale morago!
35
Gonne yo o ratang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me le ka ntlha ya Efangele o tla bo boloka.
36
Gonne go ka thusa motho eng, fa a ka bapala lefatshe lotlhe, mme a senyegelwa ke bophelo jwa gagwe jwa nnete?
37
Kampo motho o ka ntsha eng go nna segololo sa botshelo jwa gagwe?
38
Gonne mongwe le mongwe yo o tlhajwang ke ditlhong ka ntlha ya me le ka ntlha ya mafoko a me mo losikeng loo lwa boikepo le boleo, Morwa-Motho le ene o tla tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya gagwe, mogang a tlang ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16