bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Mark 16
Mark 16
Tswana Setswana 1970
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
1
E rile Sabata a sena go feta, Maria Magtalena le Maria, mma Jakobo, le Salome ba reka ditlolo tse di nkgang monate gore ba ye go mo tlotsa.
2
Ya re ka moso phakela, ka letsatsi la ntlha la beke, ba fitlha fa lebitleng, letsatsi le tlhaba.
3
Foo ba raana ba re: “Ke mang yo o tla re pitikololelang lentswe fa mojakong wa lebitla?”
4
Mme ya re ba leba, ba bona lentswe le pitikolotswe; gonne le ne le le legolo thata.
5
Ya re ba tsena mo lebitleng, ba bona lekau le ntse ka fa ntlheng ya le le jang, le apere kobo e tshweu; ba be ba rerega.
6
La ba raya la re: “Se reregeng; lo batla Jesu wa Nasaretha yo o neng a bapotswe. O tsogile, ga a yo fa! Bonang felo fa ba ne ba mmeile teng!
7
Jaanong yaang lo bolelele barutwa ba gagwe le Petoro gore o lo etelela pele go ya kwa Galelea; lo tla mmona teng, ka fa a lo boleletseng ka teng.”
8
Ke fa ba tswa mo lebitleng, ba tshaba; gonne thoromo le therego di ne di ba tshwere; mme ba se ka ba bua sepe le ope, ka gonne ba boifa.
9
Ya re a sena go tsoga e sa le ka moso ka letsatsi la ntlha la beke, a bonala pele kwa go Maria Magtalena yo a kileng a kgarameletsa medemone e e supang ntle mo go ene.
10
Ene a ya a bolelela bone ba ba neng ba na le Jesu, ba hutsafetse, ba lela.
11
Mme bone, ya re ba utlwa gore o a phela, e bile o bonywe ke ene, ba se ka ba dumela.
12
Morago ga moo a iponatsa go ba le babedi ba bone ka popego e sele, fa ba tsamaya ba ya kwa nageng.
13
Le bone ba ya ba bolelela ba bangwe; mme le bone ba se ka ba ba dumela.
14
La bofelo a iponatsa go ba ba 11, ba ntse fa dijong, a kgalemela go sa dumeleng ga bone le bopeloethata jwa bone, ka ba se ka ba dumela ba ba mmonyeng a sena go tsosiwa.
15
A ba a ba raya a re: “Yaang le lefatshe lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Efangele.
16
Yo o dumelang, a ba a kolobediwa, o tla pholosiwa; yo o sa dumeleng ene o tla atlholwa.
17
Ditshupo tse di tla supelang ba ba dumelang ke tse: Ba tla kgarameletsa medemone ntle ka leina la me; ba tla bua ka diteme tse dintšhwa.
18
Ba tla tsholetsa dinoga; mme le fa ba ka nwa se se bolayang, ga se nke se ba dira sepe. Ba tla baya balwetse diatla, mme ba tla fola.”
19
Jaanong e rile Morena Jesu a sena go bua nabo, a tsholelediwa kwa legodimong, a nna ka fa ntlheng ya le le jang la Modimo.
20
Mme bone ba tswa, ba rera mo dintlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa Lefoko ka ditshupo tse di le latelang.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16