bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 John 2
1 John 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 3 →
1
Banyana ba me, dilo tse ke a di lo kwalela, gore lo tle lo se ka lwa leofa. Mme fa motho mongwe a leofa re na le Mmueledi kwa go Rara, e bong mosiami Jesu Keresete.
2
Ke ene seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona; e be e se sa tsona rona tsosi fela, mme le gone e le sa tsa lefatshe lotlhe.
3
Ke gone ka fa re itseng ka teng fa re mo itse, fa re boloka ditaolo tsa gagwe.
4
Yo o reng: “Ke a mo itse,” mme a sa boloke ditaolo tsa gagwe, o maaka; boammaaruri ga bo yo mo go ene.
5
Mme le fa e le mang yo o bolokang lefoko la gagwe, ruri lorato lwa Modimo lo dirilwe boitekanelo mo go ene. Ke gone ka fa re itseng fa re le mo go ene ka teng:
6
Yo o reng o ntse mo go ene, o tshwanetse le ene a bo a tsamaya fela jaaka ene a kile a tsamaya.
7
Baratwa, ga ke lo kwalele taolo epe e ntšha, fa e se taolo e kgologolo fela, e lo sa leng lo e tshola mo tshimologong; taolo e kgologolo ke lefoko le lo kileng lwa le utlwa.
8
Gape, ke lo kwalela taolo e ntšha, e e leng boammaaruri mo go ene le mo go lona; ka lefifi le a anoga, le lesedi la ammaaruri le setse le phatsima le jaana.
9
Yo o reng o mo leseding, mme a ila mogagabo, o ntse o mo lefifing le gompieno.
10
Yo o ratang mogagabo o ntse mo leseding, mme ga go na kgopiso epe mo go ene.
11
Mme yo o ilang mogagabo, o mo lefifing, o bile o tsamaya mo lefifing, ga a itse kwa o yang teng, gonne lefifi le mo foufaditse matlho.
12
Ke lo kwalela, banyana ba me, ka gobo lo itshwaretswe dibe tsa lona, ka ntlha ya leina la gagwe.
13
Ke lo kwalela, borrabana, ka gobo lo itse ene yo o ntseng a le teng le kwa tshimologong. Ke lo kwalela makau, ka gobo lo fentse yo o bosula. Ke lo kwaletse banyana, ka gobo lo itse Rara.
14
Ke lo kwaletse borrabana, ka gobo lo itse ene yo o ntseng a le teng le mo tshimologong. Ke lo kwaletse makau, ka gobo lo le thata, lefoko la Modimo le ntse mo go lona, mme lo fentse yo o bosula.
15
Se rateng lefatshe, le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa Rara ga lo yo mo go ene.
16
Gonne tsotlhe tse di mo lefatsheng, e bong thato ya nama, le kgatlhego ya matlho, le mabela a botshelo, ga se ga Rara, ke ga lefatshe.
17
Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.
18
Banyana, ke nako ya bofelo; jaaka lo kile lwa utlwa fa moganetsa Keresete a tla, le gompieno go setse go tsogile baganetsa Keresete ba le bantsi; re itse ka gone fa e le nako ya bofelo.
19
Ba dule mo go rona, mme ya bo e ne e se ba rona; gonne fa e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa ntse ba na le rona; mme ba tswa, gore ba tle ba bonatshiwe ka fa ba seng ba rona botlhe ka teng.
20
Mme lo na le tlotso e e tswang mo Moitsheping, mme lo itse dilo tsotlhe.
21
Ga ke a lo kwalela ka gobo lo sa itse boammaaruri, mme e le ka gobo lo bo itse, le ka gobo boammaaruri ga bo na maaka.
22
Moaki e mang fa e se yo o latolang go re Jesu ga se Keresete? Ke ene moganetsa Keresete, e bong ene yo o itatolang Rara le Morwawe.
23
Le fa e le mang yo o itatolang Morwa Modimo, yo ke ene Rara e seng wa gagwe; yo o ipolelang Morwa Modimo, Rara le ene o na nae.
24
Ka ga lona, se lo sa leng lo se utlwa mo tshimologong, a se ke se nnele ruri mo go lona. Fa se lo sa leng lo se utlwa mo tshimologong se nnela ruri mo go lona, le lona lo tlaa nnela ruri mo go Morwa Modimo, le mo go Rara.
25
E ke yone polelo e o re solofeditseng ka yone, e bong botshelo jo bo sa khutleng.
26
Dilo tse ke di lo kwaletse ka ga ba ba ratang go lo gogela kwa timelong.
27
Mme ka ga lona, tlotso e lo e amogetseng mo go ene e ntse mo go lona, mme ga lo batle gore ope a lo rute; jaaka tlotso ya gagwe e lo ruta ka ga dilo tsotlhe, e le ammaaruri, e se maaka, fela jaaka e lo rutile, nnang fela mo go ene.
28
Jaana banyana ba me, nnelang ruri mo go ene; gore e tle e re fa a ka bonatshiwa, re ke re dire le tshosologo, mme re se ka ra tlhajwa ke ditlhong fa pele ga gagwe mo go tleng ga gagwe.
29
Fa lo itse gore ene o tshiamo, lo a itse le gone fa mongwe le mongwe yo o dirang tshiamo a tsetswe ke ene.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5