bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 John 3
1 John 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 4 →
1
Bonang ka fa lorato lo ntseng ka teng lo Rara o re ratileng ka lone, fa e bo ne ne fano re bidiwa bana ba Modimo; mme re ntse fela jalo. Lefatshe ga le re itse, ka ntlha ya gobo le ene ga le a ka la mo itse.
2
Baratwa, jaanong re bana ba Modimo, mme ga go ise go bonatshiwe ka fa re tlaa nnang ka teng. Re a itse gore fa a bonatshiwa re tlaa tshwana nae; gonne re tlaa mmona fela jaaka a ntse.
3
Mongwe le mongwe yo o nang le tsholofelo eo e tlhomilwe mo go ene, o a itshekisa, fela jaaka ene a le boitsheko.
4
Mongwe le mongwe yo o dirang boleo o dira boiphefero mo molaong; boleo ke boiphefero mo molaong.
5
Lo a itse fa a bonatshitswe gore a tlose boleo; mme mo go ene ga go na boleo.
6
Le fa e le mang yo o nnelang ruri mo go ene ga a leofe; yo o leofang ga a ise a mmone, le fa e le go mo itse.
7
Banyana ba me, a motho ope a se ka a lo gogela timelong; yo o dirang tshiamo o tshiamo, fela jaaka le ene a le tshiamo.
8
Yo o dirang boleo ke oo rra diabolo; gonne diabolo o sa le a leofa le mo tshimologong. Morwa Modimo o bonatsheditswe moo, gore a senye ditiro tsa diabolo.
9
Yo o tsetsweng ke Modimo ga a dire boleo bope, ka peo ya one e nnela ruri mo go ene, mme ga a ka ke a leofa, ka a tsetswe ke Modimo.
10
Bana ba Modimo ba farologanyesega ka mokgwa o le bana ba diabolo; yo o sa direng tshiamo ga se wa Modimo, le ene yo o sa rateng mogagabo.
11
Gonne e ke yone taetso e lo sa leng lo e utlwa mo tshimologong, gore re ratane.
12
Re se ka ra nna jaaka Kaine a nna wa yo o bosula, a bolaya monnawe. Mme o mmolaetseng? E ne e le ka gobo ditiro tsa gagwe di le bosula, mme tsa ga monnawe di siame.
13
Lo se gakgamale, bagaetsho, fa lefatshe le lo ila.
14
Re a itse fa re dule mo losong, re ile go tsena mo botshelong ka gobo re rata bakaulengwe. Yo o sa rateng o ntse mo losong fela.
15
Yo o ilang mogagabo ke mmolai; mme lo itse fa go se mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.
16
Lorato re lo itse ka gone mo, ka a ineetse mo losong ka ntlha ya rona; mme le rona re tshwanetse go ineela mo losong ka ntlha ya ba ga rona.
17
Mme le fa e le mang yo o nang le dilo tsa lefatshe, mme a bona mogagabo a tlhoka, a ikitsa go mo tlhomogela pelo, ana lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene?
18
Banyana ba me, a re se rateng ka molomo fela, le fa e le ka loleme fela; fa e se ka tiro le boammaaruri.
19
Re tlaa itse fa re le ba boammaaruri ka gone mo, re tlaa itsholofetsa pelo fa pele ga one.
20
Mo go se fela pelo tsa rona di re nyatsang mo go sone; ka Modimo o le mogolo go feta dipelo tsa rona, mme o itse dilo tsotlhe.
21
Baratwa, fa pelo tsa rona di sa re nyatse, re na le botlhokapoifo ntlheng ya Modimo;
22
le fa e le eng se re se lopang fela, re se amogela mo go one, ka re bolokile ditaolo tsa one, re bile re dira dilo tse di kgatlhang mo matlhong a one.
23
E ke yone taolo ya one, gore re dumele mo ineng la Morwa one Jesu Keresete, le go ratana, fela jaaka o re neile taolo.
24
Yo o bolokang ditaolo tsa one o nnela ruri mo go one, le one mo go ene. Mme re a itse ka gone mo fa o nnetse ruri mo go rona, ka Mowa o o o re neileng.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5