bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 John 4
1 John 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 5 →
1
Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng.
2
Mowa wa Modimo lo tlaa o itse ka gone mo; mowa mongwe le mongwe o o ipolelang gore Jesu Keresete o tsile mo nameng, ke one wa Modimo.
3
Mme mowa mongwe le mongwe o o sa ipoleleng Jesu, ga se wa Modimo; o ke one mowa wa moganetsa Keresete, o lo o utlwetseng fa o tla; jaanong o setse o le mo lefatsheng.
4
Lona lo ba Modimo, banyana ba me, lo ba fentse; ka yo o mo go lona a le mogolo go feta yo o mo lefatsheng.
5
Bone ke ba lefatshe; ke gone ba buang jaaka ba lefatshe, mme lefatshe le ba utlwe.
6
Rona re ba Modimo; yo o itseng Modimo o a re utlwa; mme yo o seng wa Modimo ga a re utlwe. Re a itse mowa wa boammaaruri, le mowa wa timelo ka gone moo.
7
Baratwa, a re rataneng; gonne lorato ke selo sa Modimo. Mongwe le mongwe yo o ratang o tsetswe ke Modimo, o bile o itse Modimo.
8
Yo o sa rateng ga a itse Modimo; gonne Modimo o lorato.
9
Lorato lwa Modimo lo bonatsheditswe rona ka gone moo, ka Modimo o romile Morwa one yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng, gore re tshele ka ene.
10
Lorato lo mo, e seng gore re ratile Modimo, fa e se gore, o ratile rona, mme wa roma Morwa one go tla a nna seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.
11
Baratwa, fa Modimo o re ratile mo go kalo, le rona re tshwanetse go ratana.
12
Ga go motho ope yo o ileng a bona Modimo ka motlha ope; fa re ratana, Modimo o nnetse ruri mo go rona, le lorato lwa one lo dirilwe boitekanelo mo go rona.
13
Re a itse fa re nnetse ruri mo go one, le one mo go rona ka gone moo, ka o re abetse Mowa wa one.
14
Re bonye, re bile re a supa fa Rara a romile Morwawe go tla a nna Mmoloki wa lefatshe.
15
Le fa e le mang yo o tlaa ipolelang gore Jesu ke Morwa Modimo, Modimo o nnetse ruri mo go ene, le ene mo Modimong.
16
Re a itse, re bile re dumetse lorato lo Modimo o re ratang ka lone. Modimo o lorato; yo o nnetseng ruri mo loratong, o nnetse ruri mo Modimong, le Modimo o nnetse ruri mo go ene.
17
Lorato lo dirwa boitekanelo kwano go rona ka gone mo, gore re tle re nne le botlhokapoifo mo tsatsing la tsheko; gonne jaaka a ntse, le rona re ntse fela jalo mo lefatsheng leno.
18
Ga go na poifo epe mo loratong; mme lorato lo lo itekanetseng lo tle lo latlhele poifo kwa ntle, ka poifo e na le petso; yo o boifang ga a a dirwa boitekanelo mo loratong.
19
Rona re a rata, ka gobo o re ratile pele.
20
Fa motho a re: “Ke rata Modimo,” mme a ile mogagabo, o maaka; gonne yo o sa rateng mogagabo yo o mmonang ka matlho, ga a ka ke a rata Modimo, o a iseng a o bone.
21
Mme taolo e re e tshotse mo go ene, gore yo o ratang Modimo, a a rate le mogagabo.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5