bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Thessalonians 1
1 Thessalonians 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 2 →
1
Ke nna Paulo, ke na le Silefano le Timotheo, re kwalela phuthego ya Bathesalonika e e mo go Modimo Rara, le mo go Morena Jesu Keresete: A tshegofatso e nne le lona le kagiso.
2
Re ntshetsa Modimo malebogo ka metlha yotlhe ka ga lona lotlhe, re ntse re lo umaka mo merapelong ya rona.
3
Ga re khutle go gopola tiro ya lona ya tumelo, le madiriso a lorato, le bopelotelele jwa tsholofelo, mo go Morena wa rona Jesu Keresete, fa pele ga Modimo le Rra wa rona;
4
ka re itse go itshenkelwa ga lona, bagaetsho ba ba rategang mo Modimong.
5
Jaaka Mafoko a a Molemo a rona a se ka a tla mo go lona ka puo fela, mme a tla le ka nonofo, le ka Mowa o o Boitshepo, le ka botlalo jo bogolo; fela jaaka lo itse ka fa re itshupileng mo go lona ka teng gore re batho ba ba ntseng jang ka ntlha ya lona.
6
Lo tlogile lwa nna baetsi ba rona le ba Morena, ka lo amogetse lefoko mo pogisong e kgolo, mmogo le boitumelo jwa Mowa o o Boitshepo;
7
lwa ba lwa tswa sekao, sa botlhe ba ba dumelang mo Maketonia le mo Akaia.
8
Gonne lefoko la Morena la tswa mo go lona la tumela, e seng kwa Maketonia le Akaia go le gosi, mme tumelo ya lona ntlheng ya Modimo e tswetse ntlheng tsotlhe; jalo re bo re sa tlhole re na le go bua sepe.
9
Gonne le bone ka bosi ba bolela ka ga rona, go tsena ga rona mo go lona, ka fa go ne go ntse ka teng; le ka fa lo kgaoganyeng le medimo ya disetwa ka teng, lwa sokologela mo Modimong, go direla Modimo o o tshedileng le o o boammaaruri;
10
le go lebelela Morwa one go tswa legodimong, yo Modimo o mo tsositseng mo baswing, e bong Jesu, yo o re gololang mo bogaleng jo bo tlang.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5