bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Thessalonians 5
1 Thessalonians 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
1
Ka ga metlha le dipaka, bagaetsho, ga go batlwe gore lo ka kwalelwa sengwe.
2
Gonne le lona ka losi lo itse sentle fa letsatsi la Morena le tlaa tla fela jaaka legodu bosigo.
3
E tle e re ba ntse ba re: “Kagiso le thagamo,” foo tshenyego ya tshoganetso e ba wele, jaaka pelegi e tle e tlele mosadi yo o moimana; mme ga ba ketla ba falola gope.
4
Mme lona bagaetsho, ga lo mo lefifing, fa letsatsi leo le ne le ka lo fitlhela jaaka legodu;
5
gonne lona lotlhe lo bana ba lesedi, lo bana ba motshegare; ga re ba bosigo le fa e le ba lefifi.
6
Jalo a re se robaleng, jaaka ba bangwe ba tle ba dire, a re lebeleleng, re nneng boitekanelo.
7
Gonne ba ba robalang ba tle ba robale bosigo; le ba ba tagwang ba tle ba tagwe bosigo.
8
Mme rona, ka re le ba motshegare, a re nneng boitekanelo, re apere letlatla la sehuba la tumelo le lorato; mme a tsholofelo ya poloka e nne yone tlhoro ya phemelo.
9
Gonne Modimo ga o a re laolela bogale, fa e se gore re bone poloko ka Morena wa rona Jesu Keresete.
10
Yo o re swetseng gore le fa re sa ntse re itisitse, le fa re robetse re be re tshela mmogo nae.
11
Ke gone, laanang, mme lo agelelane, fela jaaka lo ntse lo dira.
12
Re a lo rapela, bagaetsho, gore lo itse ba ba dirang mo go lona, ba ba lo busang mo Moreneng, mme ba lo tlhagisa;
13
le gore lo ba tlotle thatathata mo loratong ka ntlha ya tiro ya bone. Lo nne kagisanyo.
14
Re a lo laya, bagaetsho, ra re tlhagisang ba ba fuduang, nametsang ba ba lapang pelo, pepetletsang ba ba bokoa, lo nne pelotelele mo go botlhe.
15
Lo bone gore ope a se ka a lefetsa bosula jwa ga ope ka bosula; lo nne lo lekele kwa go direlaneng molemo, mongwe le yo mongwe, le mo go botlhe.
16
Itumeleng ka metlha yotlhe;
17
lo rapeleng ka go bisa go khutla;
18
lebogang mo dilong tsotlhe; gonne mo ke go rata ga Modimo mo go Keresete Jesu ka ga lona.
19
Se timeng Mowa;
20
lo se ka lwa nyatsa dithuto;
21
mme lekang dilo tsotlhe; sone se se molemo lo se tshware thata;
22
lo ithibe mo go sengwe le sengwe se se mo tshwanong ya bosula.
23
A Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe fela; go le mewa ya lona, le dipelo tsa lona, le mebele ya lona, a go bolokwe go le mmogo, le ka go tlhoka molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete.
24
Go boikanngo ene yo o lo bitsang, yo o bileng a tla go dira.
25
Bagaetsho, lo re rapelele.
26
Dumedisang bakaulengwe botlhe ka katlo e e boitshepo.
27
Ke a lo ikanisa ka Morena, gore lokwalo lo, lo balelwe bakaulengwe botlhe.
28
Tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
All chapters:
1
2
3
4
5