bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Thessalonians 4
1 Thessalonians 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 5 →
1
Jaana, sa bofelo, bagaetsho, ra re re a lo rapela, re lo laya mo go Morena Jesu, gore jaaka lo amogetse mo go rona ka fa lo tshwanetseng go tsamaya le go kgatlha Modimo ka teng, fela jaaka lo ntse lo tsamaya, ra re: Lo nne lo tote segolo bogolo.
2
Gonne lo a itse ka fa re lo laileng ka teng, ka Morena Jesu.
3
Gonne mo ke go rata ga Modimo, e bong boitshepiso jwa lona, ke gore, lo ithibe mo boakeng;
4
gore mongwe le mongwe wa lona a itse go ikgapa mmele, gore o nne mo boitshepong le mo tlotlong.
5
E seng mo dithatong tse di maswe, fela jaaka Baditšhaba ba ba sa itseng Modimo.
6
Gore ope motho a se ka a tlola, mme a ferekanela wa ga gabo mo selong se, gonne Morena ke ene mmusolosi mo dilong tsotlhe tse, jaaka re kile ra lo tlhagisa gale, ra ba ra supa.
7
Gonne Modimo ga o a re biletsa bomaswe; o re bileditse mo boitshepisong fela.
8
Ke gone yo o ganang, ga a gane motho, fa e se Modimo, o o lo nayang Mowa wa one o o Boitshepo.
9
Ka ga go rata bakaulengwe, ga go batlwe gore motho a lo kwalele, gonne lona ka losi lo rutilwe ke Modimo go ratana;
10
gonne ruri lo a bo lo ntse lo go direla bakaulengwe botlhe ba ba mo lefatsheng lotlhe la Maketonia. Re lo laya, bagaetsho, gore lo tote bogolo bogolo;
11
le gore lo leke go nna mo tidimalong, le go dira e e leng tiro ya lona, le go dira ka diatla tsa lona, fela jaaka re lo laotse;
12
gore lo tsamaye ka go tlhoka maitsoketso mo go ba ba kwa ntle, le gore lo se tlhoke sepe.
13
Ga re rate lwa tlhoka go itse, bagaetsho, ka ga ba ba robalang; gore lo se hutsafale, jaaka ba bangwe ba ba se nang tsholofelo.
14
Gonne fa re dumela gore Jesu o ne a sule mme a ba a tsoga, fela jalo ba ba swetseng mo go Jesu, Modimo o tlaa ba lere nae.
15
Gonne se, re se bua le lona ka lefoko la Morena, gore rona ba re tlaa bong re tshedile, ba e tlaa reng mo go tleng ga Morena re fitlhelwa re setse, ga re ketla re etelela ba ba suleng pele.
16
Gonne Morena ka esi o tlaa fologa kwa legodimong, ka lošalaba, le ka lentswe la moengele yo mogolo, le ka go galaotega ga lonaka lwa Modimo; mme baswi ba ba swetseng mo go Keresete ba tlaa tsoga pele:
17
Foo rona ba re tlaa bong re tshedile re tlogetswe, re tlaa tsholediwa mmogo nabo mo marung, re ya go kgatlhantsha Morena mo loaping; jalo re tlaa nnela ruri le Morena.
18
Ke gone, gomotsanyang ka mafoko a.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5