bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Colossians 1
Colossians 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 2 →
1
Ke nna Paulo, moaposetole wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo, ke na le Timotheo mokaulengwe wa rona.
2
Re kwalela baitshepi le bakaulengwe ba ba ikanyegang mo go Keresete, ba ba kwa Kolosa. Ka re: Tshegofatso e nne le lona, le kagiso e e tswang Modimong Rra wa rona.
3
Re leboga Modimo Rra Morena wa rona Jesu Keresete; re lo rapelela ka metlha yotlhe.
4
Re utlwile ka ga tumelo ya lona mo go Keresete Jesu, le go rata baitshepi botlhe mo lo nang nago,
5
ka ntlha ya tsholofelo e lo e beetsweng kwa magodimong, e lo utlwileng ka ga yone gale mo lefokong la boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo,
6
le le fitlhileng koo go lona. Fela jaaka mo lefatsheng lotlhe le ntse le ungwa le totafala, jaaka le dira le mo go lona, e sa le ka letsatsi le lo utlwileng ka lone, lwa ba lwa itse tshegofatso ya Modimo ka boammaaruri;
7
fela jaaka lo utlwile mo go Epaferase motlhanka ka rona yo o rategang, yo e leng modiredi yo o ikanyegang wa ga Keresete mo boemong jwa rona.
8
E bile o re boleletse lorato lwa lona mo Moweng.
9
Ke gone ka moo le rona, e sa le ka letsatsi le re utlwileng ka lone, re sa khutleng go lo rapelela, le go lo lopela gore lo ke lo tladiwe ka kitso ya mo e leng go rata ga gagwe, mo botlhaleng jotlhe jwa semowa, le mo tlhaloganyong;
10
gore lo tsamaye mo go tshwanetseng Morena, lo ntse lo kgatlha gotlhe, lo ungwa mo ditirong tsotlhe tse di molemo, lo totafala mo kitsong ya Modimo.
11
Lo nonotshiwe ka nonotsho yotlhe, ka fa nonotshong ya kgalalelo ya one, gore lo nne pelotelele yotlhe le boitshoko ka boitumelo;
12
lo ntse lo ntshetsa Rara malebogo, ene yo o re tshwaneditseng, gore re nne baabedwi ba boswa jwa baitshepi mo leseding;
13
yo o re golotseng, a re ntsha mo thateng ya lefifi, a re tlolagantshetsa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa one;
14
yo re nang le thekololo ya rona mo go ene, e bong boitshwarelo jwa dibe tsa rona.
15
Ene yo e leng setshwano sa Modimo o o sa bonweng, e le ene motsalwapele mo lobopong lotlhe;
16
gonne dilo tsotlhe di bopilwe mo go ene, tse di kwa magodimong, le tse di mo lefatsheng, dilo tse di bonalang, le dilo tse di sa bonaleng, le fa e ka ne e le manno a magosi, kgotsa magosi, kgotsa magosana, kgotsa mebuso, dilo tsotlhe di bopilwe ka ene, di bile di bopetswe ene;
17
e bile ene o ntse pele ga dilo tsotlhe, dilo tsotlhe di bile di tshwaraganye mo go ene.
18
Ke ene tlhogo ya mmele, e bong phuthego; ene yo e leng tshimologo, le motsalwapele go tswa mo baswing; gore mo dilong tsotlhe, ene a bone boemo jo bo kwa pele.
19
Gonne e ne e le mo go kgatlhileng Rara, gore botlalo jotlhe bo age mo go ene;
20
le gore a itetlanyetse dilo tsotlhe ka ene, ka a dirile kagiso ka madi a mokgoro wa gagwe; ka re, ka ene, le fa e ka ne e le dilo tse di mo lefatsheng, kgotsa dilo tse di kwa magodimong.
21
Le lona, ka e rile mo motlheng o o fetileng lwa bo lo ikgogonne lo le baba mo pelong tsa lona, mo tirong tsa lona tse di bosula,
22
le fa go ntse jalo jaanong, o lo letlile mo mmeleng wa gagwe wa senama, ka loso, gore a tle a lo beye fa pele ga gagwe lo le boitshepo, lo se na selabe, lo se na bonyadio;
23
ke raya fa lo nnela ruri mo tumelong, lo nitame lo tlhomame, lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya Mafoko a a Molemo a lo a utlwileng, a a reretsweng lobopo lotlhe tlase ga legodimo; a nna Paulo ke dirilweng modiredi wa one.
24
Jaana ke a itumela mo matlhokong a ke a utlwisiwang ka ntlha ya lona mme, mo ntlheng ya me, ke tlatsa mo nameng ya me mo go sa tlalang ga dipogiso tsa ga Keresete, ka ntlha ya mmele wa gagwe, o e leng phuthego;
25
e ke dirilweng modiredi wa yone ka fa tebalebelong ya Modimo, e ke e neilweng ka ga lona, go tla ke dirafatsa lefoko la Modimo,
26
e bong bosaitsiweng jo bo sa leng bo lobelwa metlha yotlhe le ditshika tsotlhe, mme gompieno bo senoletswe baitshepi ba one,
27
ba go kgatlhileng Modimo go ba itsise yo e leng letlotlo la kgalalelo ya bosaitseweng jo mo go Baditšhaba, yo e leng Keresete mo go lona, tsholofelo ya kgalalelo;
28
yo re mmolelang, re laya motho mongwe le mongwe, re ruta motho mongwe le mongwe ka botlhale jotlhe, gore re tle re beye motho mongwe le mongwe a itekanetse mo go Keresete;
29
kwa le gone ke direlelang teng, ke leka ka thata ka fa go direng ga gagwe yo o dirang ka nonofo mo go nna.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4