bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Colossians 2
Colossians 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 3 →
1
Gonne ke rata lwa itse ka fa ke lekang ka thata ka teng ka ntlha ya lona, le ka ntlha ya ba ba kwa Laodikea, le botlhe, ba ba iseng ba bone sebele sa me;
2
gore dipelo tsa bone di ke di gomotsege; e re ba logaganye mo loratong, ba bile ba na le boitlhomamiso jo bo tletseng jwa tlhaloganyo, ba ke ba itse bosaitsiweng jwa Modimo, e bong Keresete,
3
yo lohumo lotlhe lwa botlhale le lwa kitso lo fithilweng mo go ene.
4
Ke bua jalo gore ope a se ka a lo fora ka bofatshwa jwa puo.
5
Gonne le fa ke se koo go lona ka sebele sa me, ke na le lona mo moweng, ke itumela ke bile ke lebile thulaganyo ya lona, le go tia ga tumelo ya lona mo go Keresete.
6
Ke gone, jaaka lo amogetse Keresete Jesu Morena, lo tsamaye mo go ene fela jalo.
7
Lo namile medi, lo bile lo agilwe mo go ene, lo tlhomamisitswe mo tumelong ya lona, fela jaaka lo rutilwe, lo ntse lo leboga thata mo go yone.
8
Lo itise e se be kgotsa go bo go le mongwe yo o lo thopang ka botlhajana, jo e leng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang, ka fa melawaneng ya batho, le ka fa ditlhakeng tsa kitso ya lefatshe, e seng ka fa mokgweng wa ga Keresete.
9
Gone go agile botlalo jotlhe jwa Bomodimo sebele fela mo go ene.
10
E bile lona lo tladitswe mo go ene yo e leng tlhogo ya bogosana jotlhe le nonofo.
11
Yo lo bileng lo rupisitswe mo go ene ka thupiso e e sa dirwang ka diatla, e bong mo go apoleng mmele wa senama, mo thupisong ya ga Keresete;
12
ka lo kile lwa fitlhwa nae mo kolobetsong, mo le gone lo tsositsweng nae mo go yone ka tumelo mo go direng ga Modimo, o o mo tsositseng mo baswing.
13
Mme lona, ka lo ne lo sule ka ntlha ya ditlolo tsa lona, le ka go tlhoka go rupisiwa ga nama ya lona, ka re, lona, o lo rudisitse nae, ka o re itshwaretse ditlolo tsotlhe tsa rona;
14
wa senya lokwalo lwa kgolego lo lo kwadilweng mo melaong, lo lo re pegang molato, lo a re sekisa; o lo tlositse, wa lo kokothela mo mokgorong.
15
Mme o rile a sena go itlhotlhora magosana le bathati, a ba supa mo ponatshegong, a ba jela koma mo go one mokgoro.
16
Ke gone a ope a se ka a lo nyatsa ka ga go ja, le fa e le go nwa, le fa e le ka ga letsatsi la modiro, le fa e le ka ga kgwedi e e rogwang, le fa e le ka ga letsatsi la Sabata;
17
e le dilo tse e leng meriti ya dilo tse di tlang; mme mmele ke wa ga Keresete.
18
Ope a se ka a lo tseela sebeelwa kgaiso ka boikokobetso jwa gagwe fela, le ka go obamela baengele, a kgantsha dilo tse o di bonyeng, a budulositswe mabela a lefela ke pelo ya gagwe ya senama;
19
a sa ngaparele yo e leng Tlhogo, yo mmele otlhe o golang ka kgolo ya Modimo ka ene, ka go logaganngwa ka malokololo le mesifa ya one mmele.
20
Fa lo ne lo sule le Keresete ka ga ditlhaka tsa kitso ya lefatshe, ke ka ntlha yang fa e bo ne ne lo ineela mo melaong, jaaka e kete lo sa ntse lo tshedile mo lefatsheng, jaaka go twe:
21
“Se tshwareng se ka diatla, se lekeng se ka molomo, se ameng sele!”
22
ka fa ditaolong le dithutong tsa batho, mme go rewa dilo tse di nang le go senyega tsotlhe mo go tshwarweng.
23
Le gale, ke dilo tse di nang le setshwantsho sa botlhale mo kobamelong e e itaolelwang ke motho, le mo boikokobetsong, le mo go tlhokeng go rekegela mmele; mme ga di na thuso go thiba kgatlhego ya nama.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4