bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Colossians 4
Colossians 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
1
Beng ba batho, direlang batlhanka ba lona ka se e leng tshiamo le tekanyo, lo ntse lo itse fa le lona lo na le Mong kwa legodimong.
2
Tswelelang ka tlhomamo mo thapelong, lo ntse lo lebeletse mo go yone ka go ntsha malebogo.
3
Le rona lo bo lo ntse lo re rapelela gore Modimo o ke o re bulele kgoro ya lefoko, gore re bue bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo ke bileng, ke le mo dikgoleng ka ga jone;
4
gore ke tle ke bo bonatse, jaaka ke tshwanetse go bua.
5
Ba ba kwa ntle lo ba tsamaele ka botlhale, lo ntse lo swela lobaka molemo.
6
A puo ya lona e nne ntle ka metlha yotlhe, e lokilwe ka letswai, gore lo tle lo itse ka fa lo tshwanetseng go fetola mongwe le mongwe ka teng.
7
Go tshela ga me gotlhe lo tlaa go itsisiwe ke Tukiko, yo e leng mokaulengwe yo o rategang, le modiredi yo o ikanyegang, le motlhanka ka nna mo Moreneng.
8
Ke mo romile koo go lona ka gone moo, gore lo itse ka fa re ntseng ka teng, le gore a gomotse dipelo tsa lona.
9
O na le Onesimo wa mokaulengwe yo o ikanyegang, yo o rategang, yo e leng mongwe wa lona. Ba tla lo itsise dilo tsotlhe tse di dirwang mono.
10
Arisetareko mogolegwa ka nna, o a lo dumedisa, le Mareko ntsalae Barenabase, yo lo bonyeng ditaetso ka ga gagwe; fa a fitlha koo go lona, lo mo amogele.
11
Le Jesu, yo o bidiwang Juseto, ba e leng ba bogwera; ke bone bosi badiri ka nna mo bogosing jwa Modimo, e le banna ba ba ntseng ba le kgomotso mo go nna.
12
Epaferase yo e leng mongwe wa lona, e bile e le motlhanka wa ga Keresete Jesu, o a lo dumedisa, a ntse a lo tlhoafaletse ka metlha yotlhe mo merapelong ya gagwe, gore lo ke lo eme lo itekanetse, lo nne tlhomamo e e tletseng mo go rateng gotlhe ga Modimo.
13
Gonne ke supa ka ga gagwe fa a na le thekisego e kgolo ka ga lona, le ka ga ba Laodikea, le ka ga ba Hierapolise.
14
Luke, ngaka e e rategang, le Demase, ba a lo dumedisa.
15
Dumedisang bakaulengwe ba ba kwa Laodikea, le boNimefase, le phuthego e e mo ntlong ya bone.
16
E tlaa re lokwalo lo, lo sena go balwa mo go lona, lo dire gore lo balwe le mo phuthegong ya Balaodikea; le gore lona lo bale lokwalo lo lo tswang Laodikea.
17
Lo reye Arekipo lo re: “O tlhokomele tirelo e o e amogetseng mo Moreneng, gore o tle o e dirafatse.”
18
Tumediso ya me Paulo e kwadilwe ka seatla sa me. Gopolang dikgolego tsa me. Tshegofatso e nne le lona.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
All chapters:
1
2
3
4