bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Lamentations 3
Lamentations 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 4 →
1
Ke nna monna yo ke bonyeng pogiso ka thupa ya go šakgala ga gagwe.
2
O nkgogile, o ntsamaisitse mo lefifing e seng mo leseding.
3
Ruri o tlhola a busetsa letsogo la gagwe go tlhabana le nna gangwe le gape motshegare otlhe.
4
O onaditse nama ya me le letlalo la me; o robile marapo a me.
5
O agile dikago tsa go tlhabana le nna, mme o ntikanyeditse ka mo go galakang le ka tapisego.
6
O mpatikile go aga mo mafelong a a lefifi, jaaka ba ba sa bolong go swa.
7
O ntsentse gare ka logora, ga ke na go tswela kwa ntle; ketane ya me o e ketefaditse.
8
Ee, ya re fa ke goa ke kuela thuso, a tswalele morapelo wa me kwa ntle.
9
O kganetse ditsela tsa me ka dithako tsa maje a a betlilweng, o sokamisitse ditsela tsa me.
10
Mo go nna o ntse jaaka bera e e laletseng, jaaka tau mo mafelong a boiphitlhelo.
11
O fapositse ditsela tsa me, o nkgagogantse; o ntshwafaditse.
12
O laetse bora jwa gagwe, o ntlhomile sekonopiwa sa go fulwa ka motswi.
13
O tsenyeditse metswi ya mokotlopo wa gagwe mo diphilong tsa me.
14
Ke dule setshego mo bathong botlhe ba me, le sefela sa bone motshegare otlhe.
15
O ntladitse bogalaka, o ntlopetse ka longana.
16
O bile o nthobile meno ka lošagarana, o nkhurumeditse ka melora.
17
O tloseditse mowa wa me kgakala le kagiso; ka lebala tlhogonolofalo.
18
Ka re: “Thata ya me e nyeletse, le tebelelo ya me mo go Jehofa.”
19
Gopola pogisego ya me le manyobonyobo a me, longana le santlhokwe.
20
Mowa wa me o sa ntse o di gopotse, mme o obegile mo teng ga me.
21
Ke a ikgakolola go mo, mme ke gone ke nang le tsholofelo.
22
Fa e bo ne ne re sa nyelediwe jaana ke ka ntlha ya mapelonomi a ga Jehofa, le ka go bo matlhomoga pelo a gagwe a sa tlhaele.
23
A ntse maša ka meso le meso; boikanngo jwa gago bo bogolo.
24
“Jehofa ke kabelo ya me,” go bua mowa wa me: “ke gone ke tlaa solofelang mo go ene.”
25
Jehofa o molemo mo go ba ba mo lebelelang, le mo moweng o o mmatlang.
26
Go molemo gore motho a solofele a be a lebelele poloka ya ga Jehofa a iketlile fela.
27
Go molemo mo monneng go rwala jokwe mo bokaung jwa gagwe.
28
A a dule a le esi, a didimale ka a e beile mo go ene.
29
A a beye molomo wa gagwe mo loroleng; e tle e re kgotsa go bo go na le tsholofelo.
30
A a neele yo o mo tlhanyang lesama la gagwe; a a tladiwe kgobo, e tlale.
31
Gonne Morena ga a ketla a latlhela ruri.
32
Gonne le fa a hutsafatsa, o tlaa tlhomoga pelo ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gagwe.
33
Gonne ga a bogise ka go rata, le fa e le go hutsafatsa bana ba batho.
34
Go gatakela bagolegwi botlhe ba lefatshe,
35
go faposa tshiamelo ya monna fa pele ga sefatlhogo sa Mogodimodimo,
36
go phetsolela motho mafoko a gagwe, a a sekwang, dilo tse, Morena ga a di rate.
37
E mang yo o buang, mme go dirafale, fa Morena a sa laola jalo?
38
Mo molomong wa Mogodimodimo a ga go tle go tswe bosula le molemo?
39
Ana motho yo o tshedileng o ngongoregelang, e le motho, ka ntlha ya go belediwa dibe tsa gagwe?
40
A re kheleiseng re lekeng ditsela tsa rona, re be re sokologele mo go Jehofa.
41
A re tsholeletseng Modimo mo magodimong dipelo di na le diatla tsa rona.
42
“Re tlodile, re tsuoletse; ga o a re itshwarela.
43
“O re khurumeditse ka bogale, wa re konatelela; o bolaile, ga o a tlhomoga pelo.
44
O ikhurumeditse ka leru, gore morapelo wa rona o se le phololele.
45
O re dirile ra nna jaaka mokgona le se se latlhwang mo gare ga ditšhaba.
46
Baba botlhe ba rona ba re atlhamoloseditse melomo.
47
Poifo le molete di re tletse, le pheretlho le tshenyo.
48
Leitlho la me le elela dinoka tsa metsi, ka ntlha ya tshenyego ya morwadia batho ba me.
49
“Leitlho la me le a tsholola, ga le khutle, ga go kgaoge gope.
50
Go tsamaye Jehofa a okomele, a lebe a le kwa legodimong.
51
Leitlho la me le tlhokofatsa mowa wa me, ka ntlha ya bomorwadia motse wa gaetsho otlhe fela.
52
Ba e leng baba ba me fela e seng ka sepe, ba ntelekile mo go botlhoko jaaka nonyane.
53
Ba nkgaoletse botshelo mo moleteng, ba latlhetse letlapa godimo ga me.
54
Metsi a ne a elela godimo ga tlhogo ya me; ka re: ‘Ke kgaotswe.’
55
“Ka bitsa leina la gago Jehofa, ke le mo moleteng o o kwa tengteng.
56
O ne wa utlwa lentswe la me; o se ka wa subela phegelo ya me le go goa ga me tsebe.
57
O ne wa atamela mo motlheng o ke go biditseng ka one wa re: ‘Se boife.’
58
“Morena, o mpueletse mafoko a mowa wa me a tsheko; o rekolotse botshelo jwa me.
59
Jehofa, o bonye patikego ya me; a ko o atlhole mafoko a me.
60
O bonye pusoloso yotlhe ya bone, le maano otlhe a ba a ntogetseng.
61
O utlwile kgobo ya bone, Jehofa, le maano otlhe a ba a ntogetseng;
62
le dipounama tsa ba ba ntsogologetseng, le go akanya ga bone ka ga me motshegare otlhe.
63
Leba go dula ga bone, le go nanoga ga bone; ke ntse sefela sa bone fela.
64
“Jehofa, o tlaa ba naya tuelo ka fa tirong ya diatla tsa bone.
65
O tlaa ba naya kgwalalo ya pelo, phutso ya gago e tlaa nna mo go bone.
66
O tlaa ba konatelela mo bogaleng, o tlaa ba senyetsa ruri ba tloge fa tlase ga magodimo a ga Jehofa.”
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5