bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Lamentations 5
Lamentations 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
1
Jehofa, gakologelwa se se re tletseng; leba, mme o bone kgobo ya rona.
2
Boswa jwa rona bo pitikololetswe baeng, matlo a rona a neilwe ba tšhaba di sele.
3
Re masiela, re bile re se na borraetsho, bommaarona ba ntse jaaka batlholagadi fela.
4
Metsi a rona re a nole ka go a reka ka madi; dikgong tsa rona di rekisiwa mo go rona.
5
Bakonatedi ba rona ba mo dithamong tsa rona; re lapile, ga re na boikhutso.
6
Re naanye diatla le Baegepeto, le Baasiria, gore re tle re kgore dijo.
7
Borraetsho ba leofile, mme ga ba yo; rona re belege maikepo a bone.
8
Batlhanka ba a re laola: ga go na ope yo o ka re gololang mo seatleng sa bone.
9
Re bona dijo tsa rona re le mo kotlomanong ya polao, ka ntlha ya tšhaka ya naga.
10
Letlalo la rona le lentsho jaaka pesetso ka ntlha ya mogote o o fisang wa go bopama.
11
Ba beteletse basadi mo Sione, le barweetsana mo metseng ya Juta.
12
Dikgosana di ne di pegwa di lepelediwa di akgega ka mabogo a tsone, difatlhogo tsa bagolwane di ne di sa tlotlwe.
13
Makau a ne a rwala lolwala, le banyana ba kgokgoetsega ba rwele dikgong.
14
Bagolwane ba khutlile mo kgotleng, makau a khutlile mo go opeleng ga one.
15
Boitumelo jwa pelo tsa rona bo khutlile; pina ya rona e fetogile bohutsana.
16
Serwalo se ole mo tlhogong ya rona. A batho ba bagolo, rona! Gonne re leofile.
17
Dipelo tsa rona di idibetse ka ntlha ya mo; matlho a rona a otofala ka ntlha ya dilo tse.
18
Ka ntlha ya thaba ya Sione, e e swafetseng; bophokoje ba tsamaya mo go yone fela.
19
Wena Jehofa, o ntse ka bosakhutleng; setulo sa gago sa bogosi se ntse mo tshikatshikeng tsotlhe.
20
O re lebala ka bosakhutleng ka ntlha yang, o re latlhelang ka lobaka lo lo kanakana?
21
Re sokololele kwa go wena, Morena, mme re tlaa bo re sokologile; šafatsa metlha ya rona jaaka bogologolo.
22
Mme o ganetse ruri, o re tšararagetse thata.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
All chapters:
1
2
3
4
5