bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Lamentations 4
Lamentations 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 5 →
1
Ana gouta e kgonne jang! Gouta e e itshekileng thata e fetogile jang? Maje a felo ga boitshepo a thelegetse fa dibaeng tsa mebila yotlhe fela.
2
Bomorwa Sione ba ba tlhekeeditsweng, ba ba tshwantshiwang le gouta e e itshekileng, ba kaiwa jang jaaka dinkgwana tsa letsopa, tiro ya diatla tsa mmopi wa dipitsa!
3
Le e leng bophokoje ba tle ba ntshe letsele ba amuse bana ba bone, morwadia batho ba me o fetogile bolalome, o ntse jaaka bontšhe mo nageng.
4
Loleme lwa ngwanyana yo o anyang lo ngaparela magalapa a gagwe ka lenyora, banyana ba lopa senkgwe, mme ga go na motho ope yo o se ba ngathelang.
5
Ba ba kileng ba ja mo letlepung ba bile ba swafetse mo mebileng, ba ba otlilweng ba apere bohibidu jo bo letlhololo ba bile ba ngaparetse dithotobolo.
6
Gonne boikepo jwa morwadia batho ba me bo feta boleo jwa Sotoma, o o ribegeditsweng ka ponyo ya leitlho, go sa bewa diatla dipe mo go ene.
7
Batho ba gagwe ba batona ba kile ba ne ba itshekile bogolo go kapoko, ba le basweu bogolo go maši; mo mmeleng ba ne ba le bohibidu bogolo go korala, go redimoga ga bone go ne go ntse jaaka ga safire.
8
Ponalo ya bone e ntsho bogolo go magala; ga ba itsiwe mo mebileng, letlalo la bone le ngaparetse marapo a bone; le sosobaganye, le ntse jaaka logong fela.
9
Ba ba bolawang ka tšhaka ba gaisa ba ba bolawang ke go bopama; gonne bao ba tlhorega fela, ba topetswe ke go tlhoka maungo a masimo.
10
Diatla tsa basadi ba ba pelonamagadi di apeile bana ba bone tota; e ne e le dijo tsa bone mo tshenyegong ya morwadia batho ba me.
11
Jehofa o dirafaditse tšararego ya gagwe, o goromeditse bogale jwa gagwe jo bo tukang; o tshubile molelo mo Sione o o laitseng metheo ya teng.
12
Dikgosi tsa lefatshe ga di a ka tsa dumela, le fa e le banni botlhe ba lefatshe, fa moganetsi le mmaba ba ka tsena mo dikgorong tsa Jerusalema.
13
Ke ka ntlha ya maleo a baperofeti ba gagwe, le maikepo a baperesiti ba gagwe, ba ba tsholotseng madi a basiami mo gare ga gagwe.
14
Ba kaila fela jaaka difofu mo mebileng, ba leswefetse ka madi, batho ba bile ba retelelwa ke go ama diaparo tsa bone.
15
Ba ne ba ba goelela, ba re: “Tlogang, lo maswe! Tlogang, tlogang, se ameng.” E rile ba tshaba ba timela, batho ba bua mo merafeng ba re: “Ga ba ketla ba tlhola ba jaka mono.”
16
Bogale jwa ga Jehofa bo ba kgaogantse; ga a ketla a tlhola a ba tlhokomela. Ga ba a ka ba tlotla sebele sa baperesiti, ga ba a ka ba ya ntlheng ya bagolwane.
17
Matlho a rona a sa ntse a bokalala ka go senka thuso ya rona ya lefela; mo go lebeleng ga rona re lebeletse morafe o o ne o sa kake wa boloka.
18
Ba tsoma dikgato tsa rona, re bile re retelelwa ke go tsamaya mo mebileng ya rona. Bokhutlo jwa rona bo gaufi, malatsi a rona a fetile; gonne bokhutlo jwa rona bo fitlhile.
19
Bakonatedi ba rona ba ne ba le bofefo bogolo go bontswi ba batona ba loapi; ba re lelekile mo dithabeng ba re laletse mo gare ga naga.
20
Mowa wa dinko tsa rona, e bong motlodiwa wa ga Jehofa o ne a tshwarwa ka mamena a bone; ene yo re buileng ka ga gagwe, ra re: “Re tlaa aga mo merafeng re le fa tlase ga moriti wa gagwe.”
21
Wena morwadia Etome, yo o agileng mo lefatsheng la Use, itumele o ipele; senwelo se tlaa ralalela le kwa go wena; o tlaa tagwa, mme o tlaa itsola.
22
Kgophololelo ya boikepo jwa gago e dirafetse, wena morwadia Sione; ga a ketla a tlhola a go isa botshwarong; o tlaa sekisa boikepo jwa gago, wena morwadia Etome; o tlaa senola maleo a gago.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5