bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Luke 12
Luke 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 13 →
1
Gone foo, fela go sena go phuthega boidiidi jwa batho, ba ba ba tla ba ba katakalana, a simolola go raya barutwa ba gagwe sa ntlha a re: “Lo itise mo sebedisong sa Bafarisai, se e leng boitimokanyo.
2
Ga go ne sepe se se bipilweng, se se se ketlang se senolwa; le fa e le se se fitlhegileng, se se ketlang se itsege.
3
Ke gone tsotlhe tse lo di buileng mo lefifing di tlaa utlwiwa mo leseding; le se lo se sebileng mo matlwaneng a a kwa teng, se tlaa kakanngwa mo ditlhoeng tsa matlo.
4
“Ke a lo raya ditsala tsa me ka re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme kwa morago ba sa tlhole ba na le se ba ka se dirang.
5
Ke tlaa lo tlhagisa ka ga yo lo tlaa mmoifang; ka re: Boifang ene yo e tlaa reng a sena go bolaya, a bile a na le thata go latlhela mo moleteng, ee, ke a lo raya, boifang ene.
6
“Dithaga di le tlhano, a ga di rekwe ka madinyana a le mabedi? Mme go bo go se epe ya tsone e e lebalwang fa pele ga Modimo.
7
Le meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe; ke gone, se boifeng; gonne lo molemo bogolo go dithaga di le dintsi.
8
“Ke a lo raya ka re, le fa e le mang yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, Morwa Motho le ene o tlaa mo ipolela fa pele ga baengele ba Modimo;
9
mme yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, o tlaa itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.
10
“Le mongwe le mongwe yo o tlaa buang lefoko le le tswitlang Morwa Motho, o tlaa go itshwarelwa; mme yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo, ga a ketla a go itshwarelwa.
11
“Mogang ba lo isang fa pele ga ditsheko tsa matlo a thuto, le kwa balaoding, le bathata, lo se ka lwa tlhodiegela gore lo tlaa fetola jang, le fa e le gore lo tlaa reng, gongwe gore lo tlaa buang.
12
Gonne Mowa o o Boitshepo o tlaa lo ruta mo lobakeng loo fela se lo tshwanetseng go se bua.”
13
Mongwe mo bontsing a mo raya a re: “Moruti, bua le mogolole gore a kgaogane boswa le nna.”
14
Mme a mo raya a re: “Monna, ke dirilwe e mang moatlhodi le moabi mo go lona?”
15
A ba raya a re: “Tlhokomelang lo bo lo itise mo bopelotshetlheng; gonne botshelo jwa motho ga bo a ema mo letlotlong la dithoto tse o nang natso.”
16
A bua setshwantsho nabo a re: “Lefatshe la mohumi mongwe la ungwisa segolo.
17
Mme a ithaya a re: ‘Ke tlaa dirang ka ke se na mo ke ka bolokelang maungo a me teng?’
18
A re: ‘Ke tlaa dira jaana: Ke tlaa rutla matlo a me a mabolokelo, ke aga a sele a magolo; mme ke tlaa bolokela mabele a me le dithoto tsa me teng.
19
Ke tlaa raya mowa wa me ke re: Mowa, o na le dithoto di tona, di boloketswe dinyaga di le dintsi; iketle, o je, o nwe, o dire mokete.’
20
Mme Modimo wa mo raya wa re: ‘Seeleele ke wena, mowa wa gago o lopiwa mo go wena sigong jono; mme dilo tse o di baakantseng di tlaa nna tsa ga mang?’
21
“Le ene yo o ikhumelang fela a sa humele Modimo, o ntse fela jalo.”
22
A raya barutwa ba gagwe a re: “Ke gone ke lo rayang ke re: Se tlhobaeleng ka ga botshelo jwa lona, gore lo tlaa ja eng; le fa e le ka ga mmele gore lo tlaa apara eng;
23
gonne botshelo bo gaisa dijo, le mmele disparo.
24
Elang mahukubu tlhoko, lo bone fa a sa jale, a sa robe; ga a na letlole le fa e le sebolokelo; mme Modimo o a a jesa; lona lo tlhwatlhwa e kgolo jang go feta dinonyane!
25
Ke ofe wa lona yo o ikoketsang boleele jwa letsogo, le fa e le le lengwe fela ka go tlhobaela?
26
E ka re fa lo sa nonofa go dira se sennyennyane, ana lo tlhobaelelang tse dingwe?
27
Elang dithunya tsa masoma tlhoko, ka fa di golang ka teng; ga di dire, ga di otlhe; le fa go ntse jalo ke a lo raya, le ene Solomone, mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tseo.
28
Fa e bo ne ne Modimo o apesa bojang jo bo mo nageng jalo, jo e a reng gompieno bo eme mo nageng, e re ka moso bo latlhelwe mo pesetsong; bogolo jang a ga o ketla o apesa lona, lona ba lo tumelo e potlana?
29
“Se batleng se lo tlaa se jang, le se lo tlaa se nwang, le gone lo se ka lwa etsaetsega.
30
Gonne dilo tsotlhe tse, di batlwa ke merafe ya lefatshe; mme Rraeno o a itse fa lo tlhoka dilo tse.
31
Bogolo batlang bogosi jwa one, mme dilo tsotlhe tse, lo tlaa di okelediwa.
32
“Letsomanyane, se boifeng, gonne Rraeno o natefelwa ke go lo naya bogosi.
33
Rekisang tse lo nang natso, mme lo ntshe maatso; itireleng dipatana tsa madi tse di sa onaleng, lohumo kwa magodimong lo lo sa tlhaeleng, kwa go sa atameleng legodu lepe teng, le fa e le motoutwana go senya teng.
34
Gonne kwa lohumo lwa lona lo leng teng, dipelo tsa lona le tsone di tlaa nna teng.
35
“A ditheka tsa lona di tlangwe, le dipone tsa lona di tuke;
36
le lona lo nne jaaka batho ba ba lebeletseng morena wa bone, fa a boa kwa modirong wa nyalo; gore e tle e re a tla a kgwanyakgwanya, ba mmulele ka bofefo.
37
Go sego batlhanka bao, ba e tlaa reng morena wa bone a tla, a ba fitlhele ba lebeletse; ammaaruri, ke a lo raya, o tlaa ikokwaela, a ba dudisa go ja, mme o tlaa tla a ba neela dijo.
38
Fa a ka tla ka tebelo ya bobedi bosigo, le fa a ka tla ka tebelo ya boraro, mme a ba fitlhela jalo, ba bo ba le sego batlhanka bao.
39
Itseng se, gore fa mong wa ntlo a ka bo a itsile nako e legodu le tlaa tlang ka yone, o ka bo a disitse, mme a ko a se ka a leseletsa ntlo ya gagwe ya phunngwa.
40
Le lona etleetsegang; gonne Morwa Motho o tla ka nako e lo sa e gopoleng.”
41
Foo Petere a mo raya a re: “Morena, setshwantsho se, a o se bua le rona, kgotsa o se bua le botlhe fela?”
42
Morena a re: “Molebalebi yo o ikanyegang, yo o botlhale, e be e le mang, yo morena wa gagwe o tlaa mo laodisang ba ntlo ya gagwe, gore a ba abele dijo mo lobakeng lo e leng lone?
43
Go sego motlhanka yoo, yo e tlaa reng morena wa gagwe a tla, a mo fitlhele a ntse a dira jalo.
44
Ammaaruri ke a lo raya, o tlaa mmaya molaodi wa dilo tsotlhe tse o nang natso.
45
Mme fa motlhanka yo a ka ithaya mo pelong ya gagwe a re: ‘Morena wa me o diegile go tla;’ mme a simolola go betsa batlhanka le malata, le go ja le go nwa, le go tagwa;
46
morena wa motlhanka yoo o tlaa tla ka letsatsi le o sa mo lebeleleng ka lone, le ka nako e o sa e itseng, mme o tlaa mo kgwathisa thata, a mo laolela kabelo ya gagwe le ba ba se nang boikanngo.
47
“Mme motlhanka yo o itsileng go rata ga morena wa gagwe, mme a se ka a ipaakanya, le fa e le go dira ka fa go rateng ga gagwe, o tlaa bediwa dithupa di le dintsi.
48
Mme yo o se kang a itse, mme a dira dilo tse di tshwanetseng dithupa, o tlaa bediwa dithupa di le dipotlana. Le gone, le fa e le mang yo o neilweng segolo, go tlaa lopiwa segolo mo go ene; le motho yo batho ba mo neetseng go le gotona, ba tlaa lopa mo go fetisang mo go ene.
49
“Ke tsile go latlhela molelo mo lefatsheng; mme ke sa eletsa eng fa jaana o setse o gotsitswe?
50
Ke na le kolobetso e ke nang le go kolobediwa ka yone; mme ke pitlaganye jang go tsamaye go dirafale!
51
A lo itlhoma gore ke tsile go aba kagiso mo lefatsheng? Ke a lo raya, nnyaa; mme bogolo kgaogano.
52
Gonne go tloga fano batho ba le batlhano, ba e leng ba ntlo e le nngwe fela, ba tlaa kgaogana, ba bararo ba ganele le ba babedi, le ba babedi ba ganele le ba bararo.
53
Ba tlaa kgaogana: Rra motho a ganele le morwawe, le morwa a ganele le rraagwe; mma motho a ganele le morwadie, le morwadi a ganele le mmaagwe; matsala a motho a ganele le ngwetsi ya gagwe; ngwetsi le matsalaagwe.”
54
Le gone a raya matshutitshuti a batho a re: “E a tle e re lo bona leru le tlhatloga kwa bophirimatsatsi, lo re: ‘Go tla mookodi;’ mme go dirafale jalo.
55
E re lo bona phefo ya borwa e foka, lo re: ‘Go tlaa nna mogote o o fisang;’ mme go dirafale.
56
Baitimokanyi ke lona, lo itse go phutholola ponalo ya legodimo le ya lefatshe; mme go ntse jang lo sa itse go phutholola motlha ono?
57
“Ana, mme go ntse jang, lona ka losi ga lo sekasekeleng se se siameng?
58
Gonne e a re fa o ya le moganetsi wa gago kwa molaoding, o tlhoafalele gore o re o sa ntse o le mo tseleng, o gololwe mo go ene; gore e se re kgotsa a go gogela fa pele ga moatlhodi, mme moatlhodi a go neela leotlana, mme leotlana le go latlhela mo ntlong ya kgolegelo.
59
“Ke a go bolelela, ga o ketla o tswa teng gope, o ise o bo o lefe ledinyana la bofelo pele.”
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24