bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Luke 20
Luke 20
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 21 →
1
Ga dirala ka letsatsi lengwe la malatsi ao, ka a ruta mo tempeleng, a rera Mafoko a a Molemo, a tshogana ka a kgatlhantshiwa ke ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, ba na le bagolwane;
2
ba bua nae ba re: “Re bolelele gore o dira dilo tse ka taolo efe? Kgotsa yo o go neileng taolo e e mang?”
3
A ba fetola a re: “Le nna ke tlaa lo botsa potso nngwe; lo e mpolelele:
4
Kolobetso ya ga Johane a e ne e tswa kwa legodimong, kgotsa mo bathong?”
5
Mme ba gakololana ba re: “E tlaa re fa re re: ‘E ne e tswa kwa legodimong,’ ene o tlaa re: ‘Lo ne lo sa mo dumeleleng?’
6
Fa re re: ‘E ne e tswa mo bathong,’ batho botlhe ba tlaa re kgobotletsa ka maje; ka ba dumetse ruri fa Johane e ne e le moperofeti.”
7
Mme ba mo fetola ka go re: “Ga re itse kwa e ne e tswa teng.”
8
Jesu a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele taolo e ke dirang dilo tse ka yone.”
9
A simolola go bua le batho ka setshwantsho, ke se, a re: “Monna mongwe a tlhoma tshimo ya mafine, mme a e neela badiri ba masimo, ba e thapa ka tuelo, mme a tloga a ya go nna mo lefatsheng le sele ka lobaka lo loleele.
10
Ya re ka lobaka lwa loungo, a roma motlhanka kwa badiring ba tshimo, gore ba mo neye ntlhanngwe ya loungo lwa tshimo ya mafine; mme badira tshimo ba mmetsa, ba mo leleka a iphotlere fela.
11
A ba a roma motlhanka yo mongwe; le ene ba mmetsa, ba mo gagautla ka mo go tlhabisang ditlhong, ba mo leleka a iphotlhere fela.
12
A fela a roma wa boraro; mme le ene ba mo ntsha dintho, ba mo latlhela kwa ntle.
13
Morena wa tshimo ya mafine a re: ‘Ke tla dirang? Ke tlaa roma morwaake yo o rategang; e tlaa re kgotsa ene ba mo sisimoge.’
14
Mme ya re badiri ba tshimo ba mmona, ba gakololana ba re: ‘Yo ke ene moruaboswa; ntlhong, re mmolayeng, gore boswa e nne jwa rona.’
15
Mme ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya mafine, ba mmolaya. Ke gone, morena wa tshimo ya mafine o tlaa ba dirang?
16
O tlaa tla a senya badiri bao ba tshimo; mme tshimo ya mafine o tlaa e neela ba sele.” Ba re ba utlwa jalo ba re: “A go se nne jalo.”
17
A ba leba a re: “Se se kwadilweng e be e le eng fa go twe: ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng, e bile ke lone le le dirilweng la tlhogo ya kgokgotsho?’
18
Mongwe le mongwe yo o welang mo lentsweng leo o tlaa thubaganngwa; mme yo le tlaa mo welang le tlaa mo gasagasa jaaka lorole fela.”
19
Bakwadi le ditlhogo tsa baperesiti ba senka go mo tsenya diatla ka nako eo fela; mme ba boifa batho; gonne ba lemoga fa a buile setshwantsho se ka ga bone.
20
Ba mo lepa, ba ntsha ditlhola tse di itshemang basiami, gore di ye go tshwara mafoko a gagwe, gore ba tle ba mo neele mo thateng le mo taolong ya molaodi wa motse.
21
Ba mmotsa ba re: “Moruti, re a itse fa o bua, o ruta ka tshiamo, o sa tlhokomele bomangmang jwa ope, mme o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri;
22
a re letleletswe go kgethela Kaesare kgotsa nnyaa?”
23
A lemoga bolotsana jwa bone, mme a ba raya a re:
24
“Ntshupetsang thušeleng. O na le setshwantsho le sekwalo sa ga mang?” Ba re: “Sa ga Kaesare.”
25
A ba raya a re: “Fa e le jalo, ntshetsang Kaesare, dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.”
26
Ba retelelwa ke go tshwara lefoko le fa pele ga batho; ba gakgamalela phetolo ya gagwe, mme ba didimala fela.
27
Foo ga tla kwa go ene bangwe ba Basadukai, ba ba latolang go tsoga ga baswi; ba mmotsa ba re:
28
“Moruti, Moše o re kwaletse a re, fa morwa rraamotho a swa, a na le mosadi, mme fa a se na ngwana, morwa rraagwe yo mongwe a tseye mosadi wa gagwe, go tsosetsa morwa rraagwe yo o suleng losika.
29
Jaana go kile ga ne go le bomorwa motho ba supa; wa ntlha a tsaya mosadi, mme a swa a se na ngwana;
30
le wa bobedi a tsaya mosadi yoo,
31
le wa boraro a mo tsaya; le boo ba supa, ga nna fela jalo; ba swa fela ba sa tlogele ngwana ope.
32
Mme morago mosadi le ene a swa.
33
Ke gone, e tlaa re mo go tsogeng ga baswi, e tlaa nna mosadi wa ga mang mo go bone? Gonne ba ne ba mo nyetse botlhe ka bosupa jwa bone.”
34
Jesu a ba fetola a re: “Bana ba lefatshe leno ba a nyala, ba neelwa nyalong;
35
mme ba ba kaiwang ba tshwanetse go bona lefatshe lele, le go tsoga ga baswi, ga ba nyale, le gone ga ba neelwe nyalong;
36
le gone ga ba ka ke ba tlhola ba swa, ka ba tshwana le baengele; mme ke bana ba Modimo, ka e le bana ba go tsoga ga baswi.
37
Moše le ene o supile fa go kwadilweng ka ga setlhare, fa baswi ba tsosiwa, ka a bitsa Morena, Modimo wa ga Aberahame, le Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe.
38
Aitse ga se Modimo wa baswi, fa e se wa batshedi fela; gonne botlhe ba tshelela one.”
39
Mme bangwe ba bakwadi ba fetola ba re: “Moruti, o buile sentle.”
40
Gonne morago ga mo ba tshaba go tlhola ba mmotsa sepe.
41
Mme a ba raya a re: “Ba bua jang fa ba re: ‘Keresete ke morwa Dafite?’
42
Gonne Dafite ka esi a bua mo lokwalong lwa Dipesalema a re: ‘Morena o reile Morena wa me a re: Dula ka fa letsogong la me le le siameng,
43
go tle go tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’
44
Jalo Dafite o mmitsa Morena, mme o bile o ntse morwawe jang?”
45
A bua le barutwa ba gagwe mo kutlong ya batho botlhe a re:
46
“Itiseng mo bakwading, ba ba eletsang go tsamaya ba apere dikobo tse di kgokgothang, ba rata ditumediso mo marekelong, le ditulo tse di kwa pelepele mo matlong a thuto; le manno a a kwa pele mo medirong;
47
e le ba ba suputsang matlo a basadi ba batlholagadi, mme ba ipate ka go dira merapelo e melele. Bao ba tlaa bona tshekiso e kgolo e e feteletseng.”
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24