bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Luke 17
Luke 17
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 18 →
1
A raya barutwa ba gagwe a re: “Go retetse gore dikgopiso di se ka tsa tla; mme go latlhega ene yo di tlang ka ene.
2
Go ka bo go le molemo bogolo mo go ene fa lolwala lo ka bo lo gokeletswe mo thamong ya gagwe, mme a thabuediwa mo lewatleng, bogolo go fa a ka bo a kgopisa mongwe wa ba babotlana ba.
3
Itiseng: E re fa wa gaeno a go leofela, o mo omanye; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele.
4
Fa a go leofela gasupa ka letsatsi, mme a nna a boela mo go wena gasupa ka letsatsi a re: ‘Ke a ikwatlhaya,’ o mo itshwarele fela.”
5
Baaposetole ba raya Morena ba re: “Totisa tumelo ya rona.”
6
Morena a re: “Fa lo ne lo na le tumelo, e le kana ka tlhaka ya peo ya mosetara, lo ne lo ka raya setlhare se sa mosekamine lwa re: ‘Khumoga ka medi, o ye go tlhongwa mo lewatleng;’ se ne se tlaa lo utlwa.
7
“Ke mang wa lona yo e ka reng a na le motlhanka yo o lemang, kgotsa a disa dinku, e re a goroga a tswa kwa nageng, a ka mo raya a re: ‘Tla, o dule o je?’
8
Bogolo a ga a mo reye a re: ‘Baakanya se ke lalelang ka sone, o ikokwaele, o ntirele, ke tle ke tsamaye ke je ke nwe; morago o tlaa itse go ja le go nwa?’
9
A o tle a leboge motlhanka yoo ka a dirile dilo tse o di laoletsweng?
10
Go ntse jalo le lona, e tlaa re lo sena go dira dilo tsotlhe tse lo di laoletsweng, lo re: ‘Re batlhanka ba re se nang molemo; re dirile se e neng e le tshwanelo ya rona go se dira, fela.’ ”
11
Ga dirala ya re a sa ntse a etela kwa Jerusalema, a ralala fa gare ga Samaria le Galilea.
12
Ya re a tsena mo motsaneng mongwe, a kgatlhana le banna ba le some, e le balepero, ba emetse kwa kgakala;
13
mme ba tsholetsa mantswe a bone ba re: “Jesu, Morena re utlwele botlhoko!”
14
Ya re a ba bona, a ba raya a re: “Tsamayang, lo ye go itshupetsa baperesiti.” Ga dirala ya re ba sa tsamaya, ba ntlafala.
15
Mongwe wa bone o rile a ipona fa a fodisitswe a boa, a galaletsa Modimo ka lentswe le legolo.
16
A wela ka sefatlhogo fa fatshe fa dinaong tsa gagwe, a mo leboga; mme ya bo e le Mosamaria.
17
Jesu a bua a re: “A ba ne ba sa ntlafadiwa boo some? Ba ba 9 ba kae?
18
A go ne go sa bonwe ope yo o boang a tla go baka Modimo, fa e se moeng yo?”
19
Mme a mo raya a re: “Nanoga, o tsamaye; tumelo ya gago e go fodisitse.”
20
Mme e rile a bodiwa ke Bafarisai, gore bogosi jwa Modimo bo tlaa tla leng, a ba fetola a re: “Bogosi jwa Modimo ga bo tle ka go bonwa.
21
Le gone ga ba ketla ba re: ‘Bonang fano!’ kgotsa; ‘Bonang fale!’ Gonne bonang, bogosi jwa Modimo bo mo teng ga lona.”
22
A raya barutwa a re: “Metlha e tlaa tla e lo tlaa eletsang go bona letsatsi lengwe la malatsi a Morwa Motho ka yone, mme ga lo ketla lo le bona.
23
Ba tlaa lo raya ba re: ‘Bonang fale!’ kgotsa, ‘Bonang fano!’ Se tsamayeng, le fa e le go ba sala morago.
24
Gonne jaaka e a re fa logadima lo gadima ntlheng nngwe tlase ga legodimo, lo phatsimele kwa ntlheng e nngwe tlase ga legodimo; Morwa motho le ene o tlaa nna jalo mo motlheng wa gagwe.
25
Pele o na le go boga dilo di le dintsi, le go ganwa ke losika lo.
26
Jaaka go kile ga dirala mo metlheng ya ga Noa, go tlaa nna fela jalo le mo metlheng ya Morwa Motho.
27
Ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba neelwa nyalong, ga tsamaya ga tla letsatsi le Noa o tsenang mo ntlong e e kokobalang ka lone, mme morwalela wa tla wa ba senya botlhe fela.
28
Le jaaka go diretse mo metlheng ya ga Lote: Ba ne ba ja, ba nwa, ba reka, ba rekisa, ba tlhoma, ba aga;
29
mme ka letsatsi leo fela, le Lote o duleng mo Sotoma ka lone, ga nna molelo le sulefura mo go tswang legodimong, ga ba laila botlhe fela.
30
Go tlaa nna fela jalo mo motlheng o Morwa Motho o tlaa senolwang ka one.
31
“A e re mo letsatsing leo yo o mo godimo ga ntlo, mme dilo tsa gagwe di le mo ntlong, a se ka a fologa a ya go di tlosa; jalo le ene yo o kwa nageng, a se ka a boela kwa morago.
32
Gakologelwang mosadi wa ga Lote.
33
Le fa e le mang yo o tlaa batlang go boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, o tlaa bo boloka.
34
Ke a lo bolelela ka re, e tlaa re mo bosigong joo, go tlaa bo go le batho ba le babedi ba tlhakanetse phate; mme mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe.
35
Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba sila mmogo; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe.
36
(Banna ba le babedi ba tlaa bo ba le mo nageng; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe.)”
37
Mme ba mo fetola, ba mo raya ba re: “Kae, Morena?” A ba raya a re: “Kwa setoto se leng teng, manong le one a tlaa phuthegela teng.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24