bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ecclesiastes 10
Ecclesiastes 10
Tswana Setswana 1970
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 11 →
1
Dintsi tse di suleng di nkgisa ditlhare tsa ngaka, di di bedisa; bosilo jo bobotlana bo senya botlhale le tlotlego jalo.
2
Pelo ya motlhalefi e lebile tse di siameng, pelo ya seeleele e lebile tse di sokameng.
3
Le mo tseleng, fa lesilo le eta, ga le na tlhaloganyo, le ipolelela botlhe le re, ke lesilo.
4
Fa bogale jwa mmusi bo go tsogela, se tlogele boemo jwa gago; gonne boikokobetso bo thibela dibe tse dikgolo.
5
Go na le bosula jo ke bo bonyeng fa tlase ga letsatsi bo tshwana le phoso e e dirwang ke molaodi:
6
Lesilo le bewa mo mannong a tlotlo, mme bahumi ba nna kwa tlase.
7
Ke bonye balala ba palame dipitse, mme dikgosana di tsamaya ka dinao jaaka balala.
8
Yo o epang lemena o tla wela mo go lone; yo o phomang lobota noga e tla mo loma.
9
Yo o epololang mafika o tla ikhutla ka ona; yo o fatsang dikgong o tla ipolaya ka tsona.
10
Fa selepe se le boi, mme motho a sa se lootse, o tla rema makete; yo o botlhale o ithusa ka go se lootsa.
11
Fa noga e loma, go ise go upiwe, ga go thuse moupi sepe.
12
Mafoko a molomo wa motlhalefi a a kgatlhisa; mme molomo wa lesilo o senya mong wa ona.
13
Tshimologo ya mafoko a molomo wa lone ke boeleele; bokhutlo jwa puo ya lone ke botsenwa jo bo bosula.
14
Seeleele se buabua thata, mme motho ga a itse tse di tla dirafalang. Yo o ka mo itsiseng tse di tla dirafalang sehularong sa gagwe ke mang?
15
Matsapa a lesilo a a le lapisa, lone le le sa itseng go ya kwa motseng.
16
A tatlhego ya gago wee, wena lefatshe, fa kgosi ya gago e le mosimanyana; fa dikgosana tsa gago di tlhapelwa e sa le mosong!
17
O wa letlhogonolo, wena lefatshe, fa kgosi ya gago e le morwa batlotlegi; fa dikgosana tsa gago di ja ka nako e e tshwanetseng jaaka banna, e seng jaaka matagwa.
18
Ditlhomeso di bobela ka botlapa jwa mefutafuta; fa diatla di repile, dithulelo di a na.
19
Ba dira meletlo ya botlhapelwa; weine e thabisa ba ba phelang; go rekwa tsotlhe ka selefera.
20
Se roge kgosi le e seng ka pelo ya gago! Le mohumi o se mo roge o le mo ntlwaneng ya gago ya borobalo! Gonne dinonyane tsa legodimo di ka bolela mafoko a gago; tse di diphuka di ka utlwatsa dipolelo tsa gago.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12