bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ecclesiastes 3
Ecclesiastes 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 4 →
1
Sengwe le sengwe se na le nako ya sona. Maikaelelo mangwe le mangwe a na le sebaka sa ona fa tlase ga legodimo.
2
Go na le sebaka sa go tsalwa le sebaka sa go swa; sebaka sa go tlhoma le sebaka sa go kumola tse di tlhomilweng;
3
sebaka sa go bolaya le sebaka sa go alafa; sebaka sa go rutla le sebaka sa go aga;
4
sebaka sa go lela le sebaka sa go tshega; sebaka sa go hutsafala le sebaka sa go bina;
5
sebaka sa go latlha matlapa le sebaka sa go phutha matlapa; sebaka sa go tlamparela le sebaka sa go katogana le go tlamparela;
6
sebaka sa go batla le sebaka sa go latlhegelwa; sebaka sa go boloka le sebaka sa go latlha;
7
sebaka sa go gagola le sebaka sa go roka; sebaka sa go didimala le sebaka sa go bua;
8
sebaka sa go rata le sebaka sa go tlhoa; sebaka sa ntwa le sebaka sa kagiso.
9
Tse modiri o itapisang ka tsona di mo thusa eng?
10
Ke bonye tshwenyego e Modimo o e neetseng bomorwa-batho gore ba itapise ka yona.
11
O dirile sengwe le sengwe sentle ka nako ya sona. Le gona o tsentse bosakhutleng mo dipelong tsa bone. Fela batho ga ba kgone go lemoga tiro e Modimo o e dirang go tswa tshimologong go ya bokhutlong.
12
Ke a itse gore ga go na tse di ba siametseng sentle, fa e se go itumela le go dira tse di molemo mo maphelong a bone.
13
Le gona motho mongwe le mongwe, fa a ja, a nwa, a ja monate mo tapisegong yotlhe ya gagwe, ke neo ya Modimo.
14
Ke a itse gore tsotlhe tse Modimo o di dirang di tla nna ka bosakhutleng. Ga di ka ke tsa okediwa le e seng go fokodiwa. Mme Modimo o dirile jalo gore batho ba tle ba o boife.
15
Tse di leng teng ga di bolo go nna teng; tse di tla nnang teng di tla bo di kile tsa nna teng. Modimo o tla tsosa tse di fetileng.
16
Le gona fa tlase ga legodimo ke bonye boikepo bo le mo felong ga tshiamo le tshiamololo e le mo felong ga molao.
17
Ka ba ka gopola mo pelong ka re: “Modimo o tla atlhola mosiami le moikepi; gonne maikaelelo mangwe le mangwe le tiro nngwe le nngwe di na le sebaka sa tsona.”
18
Ka ba ka akanya mo pelong ka re: “Ke ka ntlha ya bomorwa-batho gore Modimo o tle o ba leke, mme bone ba ipone, fa bone e le diphologolo ka fa ba ntseng ka teng.”
19
Gonne tse di dirafalelang bana ba batho di dirafalela le diphologolo. Tatlhego ya bone e tshwana fela le ya tsone: Ba swa jaaka di swa. Mowa wa bophelo o le mongwe o mo go bone le mo go tsone. Ga go na sepe se motho o gaisang diphologolo ka sona. Gonne tsotlhe ke boithamako fela.
20
Dilo tsotlhe di ya mo felong go le gongwe; tsotlhe di tswa mo leroleng, tsotlhe di boela mo leroleng.
21
Ke mang yo o itseng gore mewa ya bana ba batho e tlhatlogela kwa godimo le gore mewa ya diphologolo e fologela kwa tlase mo lefatsheng?
22
Ke lemogile gore ga go na lesego lepe le le phalang la motho yo o itumelelang ditiro tsa gagwe; gonne ke yona kabelo ya gagwe. Gonne ke mang yo o ka mo isang kwa o tla itumelelang teng tse di tla dirafalang morago ga gagwe?
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12