bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ecclesiastes 6
Ecclesiastes 6
Tswana Setswana 1970
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 7 →
1
Go na le bosula jo ke bo bonyeng fa tlase ga letsatsi jo bo imelang batho thata:
2
Ke fa Modimo o naya motho khumo le dithuo le tlotlo mo a sa tlhokeng sepe sa tsotlhe tse a di eletsang, mme Modimo o sa mo dumelele go ka di ja; mme motho yo mongwe a di ja. Selo seo ke boithamako le botlhoko jo bo galakang.
3
Fa monna a ka tsala bana ba le lekgolo, a phela dinyaga tse dintsi, malatsi a dinyaga tsa gagwe a ba a nna mantsi, mme ene a se ka a kgona go kgorisa pelo ya gagwe ka tse di molemo, le gona a se ka a bona phitlho ya tlotlo – nna nka re: Phetelo e tlhogonolo bogolo go ene;
4
gonne yona e tla e se ya sepe e be e tloge mo lefifing; mme leina la yona le khurumediwe ke lefifi.
5
Le gona ga e a ka ya bona letsatsi le e seng go le itse; mme e na le boikhutso bogolo go yole.
6
Le fa a ka phela dinyaga di le dikete tse pedi, fa a sa phela monate – ke boithamako fela. A ga ke re, dilo tsotlhe di tla ya kwa felong go le gongwe?
7
Motho o itapisetsa molomo wa gagwe ka matsapa otlhe; le fa go ntse jalo, keletso ga e fele.
8
Kana motlhalefi o na le eng se a phalang lesilo ka sona? Mohumi o na le eng se a gaisang mohumanegi ka sona, ka le ene a itse go phela sentle mo gare ga baphedi?
9
Go itumelela se o se bonyeng go gaisa go kgarakgatshega ka keletso. Le selo se ke boithamako fela le go tshwara lephoro.
10
Tse di leng teng ga di bolo go bidiwa ka maina a tsona; go itsilwe gore motho o tla nna jang; ga a na go ganela le ona o o thata bogolo go ene.
11
Go na le mafoko a mantsi a a atisang boithamako. A thusa motho eng?
12
Gonne ke mang yo o itseng tse di molemo mo mothong ka malatsi a a badilweng a bophelo jwa boithamako jwa gagwe, jo a bo fetisang jaaka moriti; gape ke mang yo o ka itsiseng motho se se tla dirafalang sehularong sa gagwe fa tlase ga letsatsi?
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12