bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Ecclesiastes 12
Ecclesiastes 12
Tswana Setswana 1970
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
1
Gopola Mmopi wa gago o sa le mošwa go ise go tle malatsi a a bosula; go ise go atamele dinyaga tse o tla reng ka tsona: “Ga di nkgatlhe,”
2
go ise go fifale letsatsi le lesedi le ngwedi le dinaledi, le maru a ise a boe pula e sena go na;
3
go ise go tle letsatsi fa badisa ba ntlo ba tetesela; fa banna ba ba thata ba ikoba; fa basidi ba ikhutsa, ka ba le bannye fela; fa ba ba okomelang ka difenstere ba fifala,
4
fa go tswalwa mejako e e lebileng kwa mmileng; fa loratla lwa tshilo lo ditibala; fa molodi wa nonyane o didimala, fa dikopelo tsotlhe di sa tlhole di utlwala;
5
fa motsofe a tshaba mapalamo le ditherego tse di mo tseleng, fa mokgofa o thunya; fa tsie e totoba; fa keletso ya go ja e tlhokafala. – Gonne motho o tla ya kwa ntlong ya gagwe e e sa khutleng; ba ba mo lelelang ba tla kgarakgatshega mo mmileng. –
6
Go ise go kgaolwe mogala wa selefera, le sejana sa gouta se ise se senyege le nkgwana e ise e thubege kwa motsweding le segelelo se ise se robegele mo sedibeng.
7
Lerole le tla boela mo lefatsheng jaaka le ne le ntse. Mme mowa o tla boela kwa Modimong, kwa o ne o tswa teng.
8
Moreri a re: “A boithamako jwa maithamako! Dilo tsotlhe di a fela!”
9
Moreri yoo o ne a se botlhale fela; le gona o ne a ruta batho kitso, a akanya, a tlhotlhomisa, a tlhaba diane tse dintsi.
10
Moreri o ne a batla gore a bone mafoko a a natefang le go kwala mafoko a boammaaruri sentle.
11
Mafoko a batlhalefi a tshwana le mašwane. Diane tse di phuthilweng di tshwana le dimapo tse di kokotetsweng. Di tswa mo modiseng a le mongwe.
12
Le gona ngwanaka, nte ke go tlhagise! Go kwala dikwalo tse dintsi ga go khutle, mme go ithuta thata go lapisa mmele.
13
A re utlweng kakaretso ya mafoko otlhe! Ke e: Boifa Modimo, o tshegetse ditaolo tsa ona! Gonne seo se laetswe batho botlhe.
14
Gonne Modimo o tla isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, o atlhola tsotlhe tse di fitlhegileng, le fa di le molemo gongwe bosula.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12