bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Revelation 12
Revelation 12
Tswana Setswana 1970
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 13 →
1
Jaanong ga bonala sesupo se segolo mo legodimong, e bong mosadi yo o apereng letsatsi, ngwedi ona o le fa tlase ga dinao tsa gagwe, mo tlhogong ya gagwe go le serwalo sa dinaledi di le 12.
2
Mme o ne a le moimana, a goa, a segwa ke leralalo, a le mo tlalelong ya pelego.
3
Ga ba ga bonala sesupo se sengwe mo legodimong, ga bonala kgwanyape e kgolo, e khibidu jaaka molelo, e na le ditlhogo di supa le dinaka di le some, mo ditlhogong tsa yona go le dirwalo di supa.
4
Mogatla wa yona wa gogola karolo ya boraro ya dinaledi tsa legodimo, wa di latlhela mo lefatsheng. Mme kgwanyape ya ema fa pele ga mosadi yo o gaufi le go belega gore e re a sena go belega, e metse ngwana wa gagwe.
5
Jaanong a belega ngwana wa mosimane yo o tla fudisang baheitane botlhe ka lore lwa tshipi; mme ngwana yoo wa gagwe a phamolelwa kwa Modimong kwa sedulong sa ona.
6
Mme mosadi a tshabela kwa sekakeng, kwa a baakanyeditsweng bonno teng ke Modimo gore a tle a otlelwe teng ka malatsi a le 1 260.
7
Jaanong ga nna ntwa kwa legodimong, Migaele le baengele ba gagwe ba bololela kgwanyape; kgwanyape ya tlhabana e na le baengele ba yona.
8
Mme ba se ka ba kgona go fenya, le gona ba se ka ba tlhola ba bonelwa manno kwa legodimong.
9
Kgwanyape e kgolo ya digwa, e bong noga ya bogologolo e e bidiwang Diabolo le Satane, e e timetsang lefatshe lotlhe, ya digelwa mo lefatsheng, le baengele ba yona ba digwa nayo.
10
Ke fa ke utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Jaanong pholoso le thata le puso ke tsa Modimo wa rona, le thata ke ya Motlodiwa wa ona; ka gonne molatofatsi wa bakaulengwe ba rona yo o ba latofatsang fa pele ga Modimo wa rona bosigo le motshegare o digilwe.
11
Ba mo fentse ka madi a Kwana le ka lefoko la tshupo ya bone, ba se ka ba rekegela maphelo a bone go ya losong.
12
Itumeleng ka ntlha ya moo, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go ona; a tatlhego wee ya lona ba lo agileng mo lefatsheng le mo lewatleng; ka gonne Diabolo o fologetse koo go lona, a tletse bogale jo bogolo, ka a itse gore sebaka sa gagwe se sekhutshwane.”
13
E rile kgwanyape e bona gore e digetswe mo lefatsheng, ya latela mosadi yo o belegeng ngwana wa mosimane.
14
Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntswi e kgolo gore a fofele kwa sekakeng, kwa felong ga gagwe kwa o tla otlelwang teng ka sebaka le ka dipaka le ka bo ntlhanngwe jwa sebaka, a le kgakala le sefatlhego sa noga.
15
Jaanong noga ya hulela metsi kwa mosading, a tswa mo leganong la yona, a le kana ka le a noka, gore noka e mo tsee.
16
Mme lefatshe la thusa mosadi, la atlhama, la metsa noka e kgwanyape e e hudileng, e tswa mo leganong la yona.
17
Kgwanyape ya gakalela mosadi, ya ya go tlhasela masalela a losika lwa gagwe a a tshegeditseng ditaolo tsa Modimo, e bile a na le tshupo ya ga Jesu.
18
Jaanong ka ema fa losing lwa lewatle.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22