bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Revelation 2
Revelation 2
Tswana Setswana 1970
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 3 →
1
“Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Efeso o re: ‘Yo o tshotseng dinaledi di supa mo seatleng se se jang, yo o tsamayang mo gare ga ditlhomo tsa dipone tsa gouta di supa, o bua jaana a re:
2
“ ‘Ke itse ditiro tsa gago le matsapa a gago le tlhomamo ya gago, le ka fa o sa ka keng wa itshokela batho ba ba bosula ka teng; o lekile ba ba ipitsang baapostolo, etswe e se bone, wa ba fitlhela e le baaki;
3
o na le tlhomamo, o itshokile ka ntlha ya leina la me, wa se ka wa lapa.
4
Mme fela, se ke go nyatsang ka sona ke se: O tlogetse lorato lwa gago lwa ntlha.
5
Jaanong gopola se o oleng mo go sona o tlhabologe, o dire ditiro tsa ntlha; fa o sa dire jalo, ke tla tla koo go wena, ke tlosa setlhomo sa gago sa lobone mo bonnong jwa sona, fa o sa tlhabologe.
6
Mme se o nang naso ke se: O tlhoile ditiro tsa Banikolaite, tse le nna ke di tlhoileng.
7
“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ke tla mo naya go ja setlhare sa bophelo se se mo Parateiseng ya Modimo.’
8
“Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Semerina o re: ‘Yo e leng wa ntlha le wa bofelo, yo o neng a sule, a ba a phela, o bua jaana a re:
9
“ ‘Ditiro tsa gago le pitlagano ya gago le khumanego ya gago ke a di itse, mme o humile – le kgalo ke a e itse ya ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bone, e le ba phuthego ya ga Satane.
10
O se ka wa boifa tse o tla di bogang. Bona, Diabolo o tla latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe; lo tla nna le pitlagano ka malatsi a le some. O nne boikanyo go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.
11
“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ga a nke a tlhokofadiwa ke loso lwa bobedi.’
12
“Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Peregamo o re: ‘Yo o tshotseng tšhaka e e bogale, e e magale mabedi, o bua jaana a re:
13
“ ‘Ke itse ditiro tsa gago le kwa o agileng teng, kwa sedulo sa ga Satane se leng teng; o itshwareletse ka leina la me, wa se ka wa itatola go dumela mo go nna, le e seng ka malatsi a Antipase, moswela-tumelo wa me yo o boikanyo, o bolaetsweng koo go lona ka ona, kwa Satane o agileng teng.
14
Mme go na le dilo di se kae tse ke go nyatsang ka ntlha ya tsona, ka o na le bangwe koo ba ba dumelanang le thuto ya ga Bileame yo o rutileng Balake go beela Baiseraele sekgopi gore ba je tse di tlhabetsweng medimo ya diseto le go dira boaka.
15
E bile o na le bangwe ba ba kgomaretseng thuto ya Banikolaite e ke e tlhoileng.
16
Jaanong he: Tlhabologa! Mme fa o sa dire jalo, ke tla akofa ke tla koo go wena, ke tlhabana nabo ka tšhaka ya molomo wa me.
17
“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ke tla mo naya Mmana o o fitlhegileng, ke mo naya lentswe le lesweu; mo lentsweng leo go kwadilwe leina le lešwa le go seng ope yo o le itseng, fa e se yo o le amogelang.’
18
“Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Thiatira o re: ‘Morwa Modimo yo o nang le matlho a a ntseng jaaka kgabo ya molelo, yo maoto a gagwe a tshwanang le kgotlho e khibidu, o bua jaana a re:
19
“ ‘Ke itse ditiro tsa gago le lorato le tumelo le tirelo le tshwarelelo ya gago le gore ditiro tsa gago tsa morago di gaisa tsa pele.
20
Mme se ke go nyatsang ka sona ke se: O leseletsa mosadi yole, e bong Isebele yo o ipitsang moporofeti, a ruta, a timetsa batlhanka ba me gore ba akafale le gore ba je tse di tlhabetsweng medimo ya diseto.
21
Ke mo neile sebaka gore a fetoge pelo, mme ga a rate go bakela boaka jwa gagwe.
22
Bona, ke mo latlhela mo bolaong jwa bolwetse; ba ba dirang boaka nae ke tla ba latlhela mo pitlaganong e kgolo, fa ba sa tlhabologe, ba tlogela ditiro tsa gagwe.
23
Bana ba gagwe ke tla ba bolaya ka loso; diphuthego tsotlhe di tla itse gore ke nna yo o tlhotlhomisang diphilo le dipelo; mongwe le mongwe wa lona ke tla mo naya ka fa ditirong tsa gagwe.
24
“ ‘Mme lona ba bangwe ba lo mo Thiatira, ba lo sa dumalaneng le thuto eo, lo sa itse dilo tse ba di bitsang madiba a ga Satane, ke lo raya ke re: Ga ke lo rwese morwalo o sele.
25
Mme fela se lo nang naso lo se tshware go ya ke be ke tle.
26
Yo o fenyang, a tlhokomela ditiro tsa me go ya bofelong, ke tla mo naya thata mo baheitaneng.
27
O tla ba busa ka lore lwa tshipi, jaaka dijana tsa letsopa di a tle di thubaganngwe; jaaka le nna ke amogetse mo go Rre.
28
Ke tla mo naya naledi ya moso.
29
“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego!’
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22