bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Revelation 20
Revelation 20
Tswana Setswana 1970
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 21 →
1
Jaanong ka bona moengele a fologa kwa legodimong, a tshotse selotlele sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo ka seatla.
2
A tshwara kgwanyape, noga e kgologolo e e leng Diabolo le Satane, a mo golega dinyaga di le kete,
3
a mo latlhela mo moleteng o o se nang bolekanngo, a ba a o lotlela, a o kana fa godimo gore a se ka a tlhola a timetsa merafe go tsamaya dinyaga di le kete di fete pele. Morago ga moo o tshwanetse go gololwa sebakanyana.
4
Ka ba ka bona ditulo tsa bogosi, mme baatlhodi ba nna mo go tsona, ba neelwa katlholo; gape ka bona mewa ya ba ba kgaotsweng ditlhogo ka ntlha ya go ipolela Jesu le ka ntlha ya Lefoko la Modimo, ba sa obamela sebata le e seng setshwantsho sa sona, ba sa ipaya letshwao mo diphatleng le mo diatleng; ba tsoga, ba busa mmogo le Keresete dinyaga di le kete.
5
Baswi ba bangwe bone ba se ka ba tsoga go tsamaya dinyaga tse kete di fete pele. Tsogo eo ke ya ntlha.
6
Go sego, go bile go boitshepo ene yo o nang le seabe mo tsogong ya ntlha. Mo go bao loso lwa bobedi ga lo na thata epe, mme ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, ba busa nae dinyaga tse kete.
7
E tla re dinyaga tse kete di sena go feta, Satane a gololwe mo kgolegelong ya gagwe,
8
a bolole go timetsa merafe kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe, e bong Gogo le Magogo, go ba phuthela ntweng, ba palo ya bone e leng e e kana ka motlhaba wa lewatle.
9
Ba ne ba bololela lefatshe mo boatlhamong jwa lone, ba dikanyetsa bothibelelo jwa baitshepi le motse o o rategang ka ntwa. Mme molelo wa fologa kwa legodimong, wa ba nyeletsa.
10
Diabolo yo o ba timeditseng a latlhelwa mo letsheng la molelo le sebabole kwa sebata le moporofeti wa maaka ba leng teng; mme ba tla tlhokofadiwa bosigo le motshegare go ya bosakhutleng.
11
Jaanong ka bona sedulo sa bogosi se segolo se sesweu le yo o ntseng mo go sona, yo legodimo le lefatshe di tshabileng sefatlhego sa gagwe, mme tsa se ka tsa bonelwa bonno.
12
Ka ba ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye, ba eme fa pele ga sedulo sa bogosi sa Modimo; jaanong dikwalo tsa bulwa; ga bulwa lokwalo lo longwe lo e leng lwa bophelo; mme baswi ba atlholwa ka fa ditirong tsa bone tse di kwadilweng mo dikwalong.
13
Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le felo ga baswi tsa ntsha baswi ba ba mo go tsona; jaanong ba atlholwa, mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.
14
Loso le felo ga baswi tsa latlhelwa mo letsheng la molelo. Ke lone loso lwa bobedi, e bong letsha la molelo.
15
Mme fa mongwe a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong lwa bophelo, o ne a latlhelwa mo letsheng la molelo.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22