bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Revelation 8
Revelation 8
Tswana Setswana 1970
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 9 →
1
E rile Kwana e kanolola sekano sa bosupa, ga nna tidimalo mo legodimong e ka nna botlhanngwe jwa nako.
2
Jaanong ka bona baengele ba supa, ba ba emeng fa pele ga Modimo, ba neelwa diphala di supa.
3
Moengele yo mongwe a tla, a ema fa aletareng, a tshotse leiswana la gouta, a ba a neelwa maswalo a mantsi gore a a supelele merapelo ya baitshepi botlhe mo aletareng ya gouta e e fa pele ga sedulo sa bogosi.
4
Mme musi wa maswalo a a tshubetsweng dithapelo tsa baitshepi wa tlhatloga, wa tswa seatleng sa moengele, wa fitlha fa pele ga Modimo.
5
Jaanong moengele a tsaya leiswana, a le tlatsa molelo wa aletare, a o latlhela mo lefatsheng; ke fa go tla mantswe le ditumo tsa maru le dikgadima le thoromo ya lefatshe.
6
Jaanong baengele ba supa, ba ba nang le diphala di supa, ba iketleeletsa go di letsa.
7
Moengele wa ntlha a letsa; mme ga na sefako le molelo di tlhakanye le madi, tsa latlhelwa mo lefatsheng; karolo ya boraro ya lefatshe ya šwa le karolo ya boraro ya ditlhare ya šwa le bojang jotlhe jo botala jwa šwa.
8
Moengele wa bobedi a letsa; mme ga nna jaaka e kete thaba e kgolo e e tukang molelo e latlhelwa mo lewatleng; karolo ya boraro ya lewatle ya ba ya fetoga madi,
9
le karolo ya boraro ya diphedi tsa lewatle ya swa, le karolo ya boraro ya dikepe ya senngwa.
10
Moengele wa boraro a letsa, mme ga wa naledi e kgolo mo legodimong, e tuka jaaka serumola, ya wela mo karolong ya boraro ya dinoka le mo metsweding ya metsi.
11
Leina la naledi eo ke Longana; jaanong karolo ya boraro ya metsi ya nna longana, mme batho ba bantsi ba swa ka metsi ao, ka a fetogile bogalaka.
12
Moengele wa bone a letsa; mme karolo ya boraro ya letsatsi ya itewa le karolo ya boraro ya ngwedi le karolo ya boraro ya dinaledi, gore karolo ya boraro ya tsona e fifale le gore karolo ya boraro ya motsi e tlhoke lesedi, le bosigo fela jalo.
13
Ka bona, ka ba ka utlwa moengele e kete ntswi a fofa fa gare ga legodimo, a kua ka lentswe le legolo a re: “A tatlhego ya bone wee, wee, wee, ba ba agileng mo lefatsheng, ka ntlha ya mantswe a mangwe a diphala tsa baengele ba bararo ba ba tla tlogang ba letsa.”
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22