bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Romans 13
Romans 13
Tswana Setswana 1970
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 14 →
1
A motho mongwe le mongwe a ikokobeletse balaodi ba ba busang; gonne ga go na mmuso fa e se o o tswang Modimong; mebuso e e le yong e beilwe ke Modimo.
2
Ka moo, yo o ganang mmuso o emelana le puso ya Modimo; mme ba ba o ganang ba tla itsisetsa katlholo.
3
Gonne babusi ga se ba ba boifiwang ka ntlha ya tiro e e molemo, mme e le ka ntlha ya e e bosula. Jaanong fa o sa rate go boifisiwa ke mmuso, dira molemo, mme o tla bona tlotlo mo go ona.
4
Gonne ke modiredi wa Modimo mo go wena gore o bone molemo. Mme fa o dira bosula, o boife; gonne ga o a tsholela tšhaka lefela; ka gonne ke modiredi wa Modimo, ke mmusolosi yo o dirafatsang bogale jwa Modimo mo go ene yo o dirang bosula.
5
Ka ntlha ya moo ke tshwanelo go ikokobetsa, e seng fela ka ntlha ya petso, mme e bile e le ka ntlha ya segakolodi.
6
Ke ka ntlha ya moo lo ntshang lekgetho; gonne ke batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng tiro eo ya bone ka metlha.
7
Jaanong neelang mongwe le mongwe se se mo tshwanetseng: lo neele lekgetho ene yo o tshwanetsweng ke lekgetho, pulatsela ene yo o tshwanetsweng ke pulatsela, poifo ene yo o tshwanetsweng ke poifo, tlotlo ene yo o tshwanetsweng ke tlotlo.
8
Lo fetse tsotlhe tse di tshwanetseng go lešwa, go sale go ratana fela; gonne yo o ratang yo mongwe o dirafaditse molao.
9
Gonne ditaolo tse di reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; o se ka wa eletsa,” le fa go ka ne go le taolo e nngwe e sele, di akareditswe ka lefoko le le reng: “O rate mongwe-ka-wena jaaka o ithata.”
10
Lorato ga lo direle motho bosula; ke ka moo lorato e leng tirafatso ya molao.
11
Dirang jalo, ka lo itse sebaka gore e setse e le nako ya go tsoga mo thobalong; gonne pholoso e re atametse jaanong bogolo go jale fa re simolola go dumela.
12
Bosigo bo a sa, letsatsi le atametse; ka moo, a re apoleng ditiro tsa lefifi, re apareng marumo a lesedi!
13
A re tsamaeng re itshotse sentle jaaka mo motshegareng, e seng mo medirong ya tlhapelo le ya botagwa, e seng mo marobalelong a boaka le mekgweng e e maswe, e seng mo kgannye le mo lefufeng;
14
mme aparang Morena Jesu Keresete, lo se tlameleng mmele ka mokgwa o o ka tsosang dikeletso tse di bosula.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16