bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Romans 15
Romans 15
Tswana Setswana 1970
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 16 →
1
Rona ba re leng thata, re tshwanetse go itshokela makoa a ba ba seng thata, e seng go ikgatlha.
2
A mongwe le mongwe wa rona a kgatlhe mongwe-ka-ene, a mmatlele tse di molemo tsa go thusanya mo tumelong.
3
Gonne Keresete le ene ga a a ka a ikgatlha, mme go ne go le jaaka go kwadilwe ga twe: “Dikgobo tsa ba ba go kgobang di nkwetse godimo.”
4
Kana tsotlhe tse di kwadilweng pele di kwaletswe go re ruta gore re tle re nne le tsholofelo ka go tshwarelela le ka go kgothadiwa ke Dikwalo.
5
Jaanong a Modimo wa tshwarelelo le wa kgothatso o lo thuse gore lo utlwane ka fa thatong ya ga Keresete Jesu,
6
gore lo galaletse Modimo, Rra Morena wa rona Jesu Keresete, ka bongwefela jwa pelo ka molomo o le mongwe fela.
7
Tsholanang he, jaaka Keresete le ene a re tsholetse go galaletsa Modimo.
8
Gonne ka re, Keresete o ne a nna modiredi wa Bajuta ka ntlha ya boammaaruri jwa Modimo, gore a tlhomamise tse borraetsho ba di boleletsweng pele,
9
mme baheitane bone ba galaletse Modimo ka ntlha ya kutlwelo-botlhoko, jaaka go kwadilwe ga twe: “Ka ntlha ya moo ke tla go baka mo baheitaneng, ke opelela leina la gago.”
10
Go bile ga twe: “Lona baheitane, itumeleng mmogo le morafe wa gagwe!”
11
Ga ba ga twe: “Bakang Morena, lona baheitane lotlhe, lo mmake, lona merafe yotlhe!”
12
Gape Jesaya a re: “Go tla tla modi wa ga Isai, e bong ene yo o tsogang go laola baheitane; baheitane ba tla solofela mo go ene.”
13
Mme jaanong a Modimo wa tsholofelo o lo tlatse boitumelo jotlhe le kagiso ka go dumela gore lo tote bogolo mo tsholofelong ka thata ya Mowa o o Boitshepo.
14
Ba ga etsho, le nna ka nosi ke itse tota ka ga lona gore lo tletse molemo, lo tladitswe kitso yotlhe; e bile lo nonofile go kaelana.
15
Le fa go ntse jalo, e re ka ke ne ke rata go lo gakolola gape, ke lo kwaletse mo gongwenyana ka bopelokgale ka ntlha ya bopelotlhomogi jo ke bo filweng ke Modimo
16
gore ke nne modiredi wa ga Keresete Jesu mo baheitaneng le moperesiti wa Efangele ya Modimo, gore baheitane ba nne tshupelo e e amogelegang, e e itshepisitsweng ke Mowa o o Boitshepo.
17
Ke ka moo ke nang le go ka ipoka mo go Keresete Jesu ka ntlha ya go direla Modimo.
18
Gonne ke tla beta pelo fela go bolela tse Keresete o neng a di dira ka nna go isa baheitane kutlong ka mafoko le ditiro,
19
ka thata ya ditshupo le dikgakgamatso le ka thata ya Mowa wa Modimo, mo ke bileng ke tlatsa lefatshe Efangele ya ga Keresete go simolola kwa Jerusalema le mo tikologong go ya go fitlha kwa Ileriko.
20
Ke ne ke itlotla ka go rera Efangele, kwa Keresete a iseng a bolelwe teng gore ke se ka ka aga mo motheong wa yo mongwe.
21
Mme e le jaaka go kwadilwe ga twe: “Ba ba iseng ba itsisiwe ka ga gagwe ba tla bona, le ba ba iseng ba utlwe ba tla tlhaloganya.”
22
Ke ka moo ke neng ke tshwarega gantsi go tla koo go lona.
23
Jaanong e re ka ke sa tlhole ke na le kwa ke yang teng mo mafatsheng ano, e bile e setse e le dingwaga tse dintsi, ke ntse ke tlhologeletswe go tla koo go lona,
24
motlhang ke yang kwa Sepania; gonne ke solofela go lo bona, fa ke feta koo, le go romelwa teng ka thuso ya lona, ke sena go lapolosiwa pelo go se kae mo go lona.
25
Mme jaanong ke etela kwa Jerusalema, ke ya go direla baitshepi;
26
gonne ba Maketonia le Agaya ba bonye go le molemo go phuthela bahumanegi ba baitshepi ba ba kwa Jerusalema dikatso.
27
Ee, ba ratile jalo, e bile ba sesuga mo go bone; gonne fa baheitane ba abetswe dilo tsa bone tsa mowa, ke tshwanelo ya bone gore ba ba leboge ka dilo tsa bone tsa mmele.
28
E tla re fa ke sena go swetsa jalo le go tsenya maungo a dikabelo mo diatleng tsa bone, ke fete ka lona, fa ke ya kwa Sepania.
29
Mme ke itse gore mogang ke tlang koo go lona, ke tla tla ka lesego le le tletseng la Efangele ya ga Keresete.
30
Bakaulengwe, ke lo rapela ka Morena wa rona Jesu Keresete le ka lorato lwa Mowa gore lo nthuse mo ntweng ka go nthapelela Modimo
31
gore ke falodisiwe mo go bone ba ba kwa Jutea, ba ba ganang go utlwa, le gore tirelo ya me e ke e direlang Jerusalema e natefele baitshepi,
32
e tle e re fa e le go rata ga Modimo ke tle koo go lona ka boitumelo, ke lapologe ke le mo go lona.
33
A Modimo wa kagiso o nne le lona lotlhe! Amen.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16