bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Romans 3
Romans 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 4 →
1
Mojuta jaanong o gaisa ba bangwe ka eng, gongwe thuso ya thupiso ke eng?
2
Ke e kgolo mo ntlheng tsotlhe; gonne ga ntlha: ba neetswe Lefoko la Modimo.
3
Jaanong go ka tweng? A ke go re, fa bangwe ba ne ba sa ikanyege, go-sa-ikanyegeng ga bone go ka dirolola boikanyego jwa Modimo?
4
Le go ka! Mme go tshwanetse ga nna jaana: Modimo o boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe ke moaki, jaaka go kwadilwe ga twe: “Gore o tle o fitlhelwe o siame mo mafokong a gago, o fenye, fa o bewa molato.”
5
Fa jaanong tshiamololo ya rona e tlhomamisa tshiamo ya Modimo, re ka reng? A Modimo o a bo o siamolola, fa o re galefela? Ke bua ka mokgwa wa batho.
6
Le go ka! Gonne fa go ka bo go ntse jalo, Modimo o ka atlhola lefatshe jang?
7
Fa boammaaruri jwa Modimo bo totafaletse kgalalelong ya ona ka maaka a me, ke tla bo ke sa ntse ke sekisediwang jaaka moleofi?
8
A ga re ka ke ra bua bogolo ra re: “A re direng bosula gore molemo o tswe mo go jona!” jaaka bangwe ba sotla ka rona ba re, re bua jalo? Bao ke ba petso e ba tshwanetseng.
9
Jaanong go ka tweng? A re gaisa ba bangwe? E seng ka gope; gonne re setse re supile gore Bajuta le Bagerika botlhe ba mo taolong ya boleo,
10
jaaka go kwadilwe ga twe: “Ga go ope yo o siameng, le e seng a le mongwe fela.
11
Ga go ope yo o tlhaloganyang, ga go ope yo o batlang Modimo.
12
Botlhe ba fapogile, botlhe mmogo ba tlhobosegile; ga go ope yo o dirang molemo, ga a yo le e seng a le mongwe fela.
13
Memetso ya bone ke mabitla a a butsweng; ba tsietsa ka diteme tsa bone. Botlhole jwa dinoga bo mo melomong ya bone.
14
Magano a bone a tletse thogako le bogalaka.
15
Dinao tsa bone di bofefo go tsholola madi.
16
Tshenyo le pogiso di mo ditseleng tsa bone,
17
mme tsela ya kagiso yona ga ba e itse.
18
Ga ba boife Modimo jaaka o le fa pele ga matlho a bone.”
19
Mme jaanong re itse gore dilo tsotlhe tse molao o di buang, o di bua le bone ba ba mo taolong ya molao gore molomo mongwe le mongwe o thijwe, mme lefatshe lotlhe le nne molato fa pele ga Modimo.
20
Ke ka moo go se nang motho ope yo o tla siamisiwang fa pele ga ona ka ditiro tsa molao; gonne molao o re naya kitso ya boleo.
21
Mme jaanong tshiamo ya Modimo e senotswe kwa ntle ga molao, e supilwe ke molao le baporofeti,
22
e bong tshiamo ya Modimo e e bonwang ka go dumela mo go Jesu Keresete, mme ke ya botlhe ba ba dumelang; gonne ga go na pharologanyo epe;
23
gonne botlhe ba leofile, ba tlhoka tlotlo fa pele ga Modimo,
24
mme ba ka siamisiwa fela ka boitshwarelo jwa ona ka kgololo e e mo go Keresete Jesu,
25
yo Modimo o mmeileng go nna thuanyo ka madi a gagwe e e bonwang ka tumelo, gore go supiwe tshiamo ya ona ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng pele, Modimo o ntse o iphapaantse
26
gore o tle o supe tshiamo ya ona mo sebakeng seno, e nne ona o o siameng, o o siamisang ene yo o dumelang mo go Jesu.
27
Mme jaanong ipelafatso e kae? E latlhetswe kwa ntle. E le ka molao ofe? A ke wa ditiro? Nnyaya, ke ka molao wa tumelo.
28
Ke ka moo re kayang gore motho o siamisiwa ka tumelo fela, e seng ka ditiro tsa molao.
29
A kampo Modimo ke Modimo wa Bajuta fela? A ga se wa Baditšhaba le bone? Ee, ke wa Baditšhaba le bone,
30
ka e le gore Modimo ke o le mongwe fela; ba ba rupileng o tla ba siamisa mo tumelong, le ba ba sa rupang o ba siamisa ka tumelo.
31
Jaanong a ke go re, re dirolola molao ka tumelo? Le go ka; tota re tlhomamisa molao.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16