bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Romans 14
Romans 14
Tswana Setswana 1970
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 15 →
1
Yo o bokoa mo tumelong lo mo tshole, lo se ganetsanye ka ntlha ya maikutlo.
2
Mongwe o dumela gore o ka ja tsotlhe, mme yo o bokoa o ja merogo fela.
3
Yo o jang a a se nyatse ene yo o sa jeng; mme yo o sa jeng a a se atlhole yo o jang; gonne Modimo o mo amogetse.
4
Kana wena o mang yo o ka atlholang motlhanka wa yo mongwe? Ene o emela gongwe o wela Morena wa gagwe; mme o tla emisiwa, gonne Morena o nonofile go ka mo emisa.
5
Yo mongwe o kaya gore letsatsi lengwe le feta le lengwe; mme yo mongwe ene o kaya gore malatsi a a tshwana. A mongwe le mongwe a tlhomame mo boitlhomong jwa gagwe.
6
Yo o tlotlang letsatsi o le tlotlela Morena; yo o jang o ja ka ntlha ya Morena, gonne o leboga Modimo. Mme yo o sa jeng o lesa go ja ka ntlha ya Morena, mme o leboga Modimo.
7
Gonne ga go ope wa rona yo o itshelelang, e bile ga go ope yo o itshwelang;
8
gonne fa re tshela, re tshelela Morena; fa re swa, re swela Morena; ka moo, le fa re tshela gongwe re swa, re ba Morena.
9
Gonne se Keresete a se swetseng, a ba a tsoga, a phela gape, ke gore a tle a nne Morena wa baswi le baphedi.
10
Mme wena o beelang ngwana wa ga Rraago molato? Gongwe le wena, o nyaletsang ngwana wa ga Rraago? Gonne rotlhe re tla ema fa pele ga sedulo sa katlholo sa Modimo;
11
gonne go kwadilwe ga twe: “Ka bophelo jwa me! Mangole otlhe a tla nkhubamela, diteme tsotlhe di tla ipolela Modimo, go bua Morena.”
12
Ke ka moo mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelang ka boene mo Modimong.
13
Jalo he, a re se tlholeng re baana melato, mme bogolo tlhokomelang gore go se nne ope yo o kgopisang mokaulengwe gongwe go mo leofisa.
14
Ke a itse, e bile ke itse ka tlhomamo ka Morena Jesu gore ga go sepe se se itshekologileng ka bosona; mme ene yo o se kayang se itshekologile, se itshekologetse ene.
15
Gonne fa mokaulengwe wa gago a ka belaediwa ke wena ka ntlha ya dijo, foo ò tla bo o sa tlhole o tsamaya ka fa loratong. Motho yo Keresete o mo swetseng ò se ka wa mo senya ka dijo tsa gago.
16
Jaanong a molemo wa lona o se ka wa kgalwa!
17
Gonne puso ya Modimo ga se go ja le go nwa, mme ke tshiamo le kagiso le boitumelo ka Mowa o o boitshepo.
18
Gonne ene yo o direlang Keresete ka tseo ke yo o kgatlhang Modimo, e bile o ikanngwa ke batho.
19
Ka moo he, a re lateleng tsa kagisanyo le tsa ketleetsanyo tumelong!
20
O se ka wa senya tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Dilo tsotlhe di itshekile; mme di bosula mo mothong yo o di jang ka pelaelo.
21
Go molemo, fa go ka tlogelwa go ja nama le go nwa bojalwa le sengwe le sengwe se mokaulengwe wa gago a ka kgopisiwang ke sona.
22
Fa o na le kgololesego, a e nne ya gago ka bowena fa pele ga Modimo. Go sego yo o sa itshekiseng mo go se a se kayang se letleletswe.
23
Mme yo o jang a belaela ene o atlhotswe molato, ka a sa je ka tumelo. Mme sengwe le sengwe se e seng sa tumelo ke boleo.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16