bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Zechariah 1
Zechariah 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 2 →
1
Ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, ka kgwedi ya borobedi, Lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti Sagaria, morwa Beregia, morwa Ito, la re:
2
“Morena o ne a galefetse borraeno thata.
3
Jaanong o ba ree o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Boelang kwa go nna,’ go bua Morena wa masomosomo, ‘foo ke tla boela kwa go lona,’ go bua Morena wa masomosomo.
4
‘Se tshwaneng le borraeno ba baporofeti ba pele ba neng ba ba rerela ba re: Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Boang tlhe mo ditseleng tsa lona tse di bosula le mo ditirong tsa lona tse di bosula, mme ga ba a ka ba utlwa, ga ba a ka ba ntheetsa,’ go bua Morena.
5
‘Borraeno ba kae? Le baporofeti a ba ka phela ka go sa feleng?
6
Mme mafoko a me le melao ya me e ke e laetseng baporofeti, batlhanka ba me, a ga e a fitlhela borraeno? mo ba bileng ba sokologa ba re: Tse Morena o neng a ikaeletse go di re direla o di re diretse ka fa go siametseng ditsela tsa rona le ditiro tsa rona ka teng.’ ”
7
E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, ka kgwedi ya 11 – e bong kgwedi ya Sebate – ka letsatsi la 24, Lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti Sagaria, morwa Beregia, morwa Ito, jaana:
8
Ke ne ka bona pono bosigo, ka bona monna a palame pitse e khunou, a eme mo gare ga metlhakolane kwa tlase; fa morago ga gagwe go le dipitse tse dikhunou le tse dithokwa le tse ditshweu.
9
Ka botsa ka re: “Ke bomang ba, Morena wa me?” Moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Ke tla go supetsa gore ke bomang.”
10
Ke fa monna yole yo o emeng mo gare ga metlhakolane a araba a re: “Ke ba Morena o ba romileng go ralala lefatshe.”
11
Mme bone ba raya moengele wa Morena yo o neng a eme mo gare ga metlhakolane ba re: “Re tswa go ralala lefatshe, ra fitlhela lefatshe lotlhe le ntse le iketlile, le le mo kagisong.”
12
Ke fa moengele wa Morena a bua a re: “Morena wa masomosomo, e tla nna go fitlha leng o ntse o sa utlwele Jerusalema le metse ya Juta botlhoko e o ntseng o e galefetse dinyaga tse di 70 tse?”
13
Mme Morena a araba moengele yo o buang le nna ka mafoko a a molemo, ka mafoko a a gomotsang.
14
Ke fa moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Rera o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Ke fufegetse Jerusalema le Sione ka lefufa le legolo.
15
Ditšhaba tse di ikgantshang ke di galefetse ka bogale jo bogolo; gonne ke ne ke galefile go le gonnye fela, mme bone ba ne ba oketsa bosula.’
16
Ke ka moo Morena o buang jaana a re: ‘Ke boetse kwa Jerusalema ka kutlwelo-botlhoko; Ntlo ya me e tla agiwa teng, go bua Morena wa masomosomo, le mogala wa baagi o tla gagamadiwa godimo ga Jerusalema.’
17
“Le gona o rere o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Metse ya me e tla tlala tse di molemo gape. Morena o tla boa a gomotsa Sione, a itlhaolela Jerusalema gape.’ ”
18
Ka ba ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona dinaka di le nne.
19
Ka raya moengele yo o buang le nna ka re: “Tseo ke eng?” A nthaya a re: “Ke dinaka tse di faladitseng Juta le Iseraele le Jerusalema.”
20
Ke fa Morena a mpontsha bathudi ba le bane.
21
Ka ba ka re: “Bao ba tlile go dirang?” Ene a re: “Ke tsona dinaka tse di faladitseng Juta, mo go seng ope yo o ka tsholetsang tlhogo, mme bao ba tsile go di tshosa le go digela dinaka tse e leng ditšhaba fa fatshe tse di neng di tsholeleditse lefatshe la Juta lonaka go le falatsa.”
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14