bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Zechariah 6
Zechariah 6
Tswana Setswana 1970
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 7 →
1
Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona dikoloi tsa ntwa di le nne, di tswa fa gare ga dithaba di le pedi, mme dithaba ya bo e le tsa kgotlho.
2
Koloi ya ntlha e ne e gogwa ke dipitse tse dikhunou, koloi ya bobedi e gogwa ke dipitse tse dintsho,
3
koloi ya boraro e gogwa ke dipitse tse ditshweu, koloi ya bone e gogwa ke dipitse tse dithamaga tse di thata.
4
Ka botsa moengele yo o buang le nna ka re: “Tseo di kaya eng, morena wa me?”
5
Moengele a nkaraba a re: “Ke diphefo tse nne tsa legodimo tse di bololang di sena go laelwa ke Morena wa lefatshe lotlhe.”
6
Koloi ya dipitse tse dintsho ya bololela lefatshe la bokone; tse ditshweu tsa bolola tsa di sala morago; tse dithamaga tsa bololela lefatshe la borwa.
7
Tse di thata tsa bolola tsa batla go ralala lefatshe. Ke fa a re: “Tsamayang lo ralale lefatshe.” Tsa ba tsa ralala lefatshe.
8
Jaanong a nthaeletsa a re: “Bona, tse di bololelang lefatshe la bokone di fitlhisa Mowa wa me mo lefatsheng la bokone.”
9
Ke fa Lefoko la Morena le ntlela le re:
10
“Amogela mo go Heletai le mo go Tobia le mo go Jetaya tse di tswang mo batshwarwing, o tsamae kajeno, o tsene mo ntlong ya ga Josia, morwa Sefanya, kwa ba gorogetseng teng, ba tswa kwa Babele;
11
o amogele selefera le gouta, o dire serwalo sa bogosi, o se rwese Jošua mo tlhogong, e leng moperesiti yo mogolo, morwa Josatake,
12
o mo ree o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Bona, go tla monna yo leina la gagwe e leng Letlhogela, o tla tlhoga mo bonnong jwa gagwe, a aga Tempele ya Morena.
13
Ee, ene o tla aga Tempele ya Morena, Ene o tla bona tlotlego e kgolo, a nna mo sedulong sa gagwe sa bogosi, a busa; le gona o tla nna moperesiti a le mo sedulong sa gagwe sa bogosi, mme go tla nna kutlwano ya kagiso fa gare ga bogosi le boperesiti.
14
Mme serwalo se tla nna mo Tempeleng ya Morena gore e nne segopotso sa ga Heletai le Tobia le Jetaya le sa bopelontle jwa morwa Sefanya.’ ”
15
Mme ba ba kwa kgakala ba tla tla, ba lo thusa go aga Tempele ya Morena, mme lo tla itse gore, Morena wa masomosomo o nthomile mo go lona. Go tla dirafala jalo, fa lo utlwa lentswe la Morena, Modimo wa lona, ka tlhokomelo.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14