bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Zechariah 5
Zechariah 5
Tswana Setswana 1970
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 6 →
1
Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona lokwalo lo lo potokilweng lo fofa.
2
Mme a nthaya a re: “O bona eng?” Ka re: “Ke bona lokwalo lo lo potokilweng lo fofa; boleele jwa lone ke mabogo a le 20, bophara ke mabogo a le some.”
3
A ba a nthaya a re: “Ke khutso e e tswelang mo lefatsheng lotlhe; gonne mongwe le mongwe yo o utswang o tla tlosiwa mono ka fa khutsong eo, le mongwe le mongwe yo o ikanang ka maaka o tla tlosiwa jalo mono.
4
Morena wa masomosomo o bua a re: ‘Ke a lo ntsha gore lo tsene mo ntlong ya legodu le mo ntlong ya yo o ikanang ka leina la me ka maaka, lo be lo lale mo teng ga ntlo ya gagwe, lo e nyeletse ditlhomeso mmogo le dipotana.’ ”
5
Jaanong moengele yo o buang le nna a nkatamela, a nthaya a re: “A ko o tsholetse matlho, o bone se se tswang fale.”
6
Nna ka re: “Ke eng?” A araba a re: “Se se tswang fale ke tsaga;” a ba a re: “Ke yona tshiamololo ya bone mo lefatsheng lotlhe.”
7
Mme ya re sekhurumelo sa tshipi e e bokete se khurumololwa, ga bonala mosadi a ntse mo teng ga tsaga.
8
Ke fa a re: “Ke jona boikepo;” a ba a mo latlhela gape mo teng ga tsaga, a ba a latlhela sekhurumelo sa tshipi e e bokete mo molomong wa yona.
9
Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona basadi ba le babedi ba tlhaga, go le phefo mo diphukeng tsa bone; ba na le diphuka tse di tshwanang le diphuka tsa makololwane, ba tloga ka tsaga ba fofa fa gare ga lefatshe le legodimo.
10
Ke fa ke raya moengele yo o buang le nna ke re: “Ba isa tsaga kwa kae?”
11
A nkaraba a re: “Ba rata go mo agela ntlo mo lefatsheng la Sineare; fa ba sena go e fetsa, o tla tsenngwa teng mo bonnong jwa gagwe.”
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14