bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Zechariah 7
Zechariah 7
Tswana Setswana 1970
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 8 →
1
E rile ka ngwaga wa bone wa kgosi Dario, ka kgwedi ya borobongwe e e bidiwang Khiselefe, ka letsatsi la bone, Lefoko la Morena la tlela Sagaria.
2
Ba Bethele ba ne ba romile Saresere le Regeme-Melege le banna ba gagwe go lopa bopelotlhomogi mo Moreneng,
3
le go botsa baperesiti ba Ntlo ya Morena wa masomosomo le baporofeti go re: “A re na le go lela mo kgweding ya botlhano le go ilela jaaka re setse re dirile ka dinyaga tse dintsintsi?”
4
Ke fa Lefoko la Morena wa masomosomo le ntlela le re:
5
“Raya morafe otlhe wa lefatshe le baperesiti o re: ‘A e rile fa lo ilela, lo hutsafala mo kgweding ya botlhano le ya bosupa ka dinyaga tse di 70, lwa bo lo ilela ka ntlha ya me?
6
Mme fa lo ja, fa lo nwa, a ga se lona ba lo jang, a ga se lona ba lo nwang?’ ”
7
A ga se mafoko a Morena o a begileng ka baporofeti ba pele, jale fa Jerusalema a sa ntse a tletse batho, a bile a le mo kagisong mmogo le metse e e mo tikologong ya gagwe, fa naga ya borwa le e e kwa tlase e sa ntse e na le batho?
8
Mme Lefoko la Morena la tlela Sagaria la re:
9
“Morena wa masomosomo o buile jaana a re: ‘Atlholang ka katlholo ya tshiamo, lo direlane ka lorato le kutlwelo-botlhoko.
10
Lo se ka lwa gatelela motlholagadi gongwe khutsana gongwe moeng gongwe mohumanegi; lo se ka lwa logelana maano a a bosula mo dipelong tsa lona.’
11
“Mme ba ganne go reetsa, ba gagamatsa melala, ba ithiba ditsebe gore ba se ka ba utlwa.
12
Ba thatafaditse dipelo tsa bone jaaka taemane gore ba se ka ba utlwa molao le mafoko a Morena wa masomosomo o a ba rometseng ka Mowa wa gagwe ka baporofeti ba pele. Ke ka moo go duleng bogale jo bogolo mo go Morena wa masomosomo.
13
Mme go dirafetse jaana: E rile fa Morena a ba bitsa, ba gana go mo utlwa; le nna e rile ba mpitsa, ka gana go ba utlwa,” go buile Morena wa masomosomo.
14
“Mme ka ba falaletsa kwa ditšhabeng tsotlhe tse ba neng ba sa di itse jaaka ka ledimo, lefatshe la sala le fetotswe sekaka kwa morago ga bona, go se yo o tsamayang le yo o boang. Lefatshe le lentlentle ba le fetotse sekaka ka go dira jalo.”
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14