bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Galatians 1
Galatians 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 2 →
1
Ke nna Paulo, moaposetole, yo o sa bewang ke batho, le fa e le ka motho, fa e se ka Jesu Keresete le Modimo Rara, o o mo tsositseng mo baswing,
2
le bakaulengwe botlhe ba ke nang nabo; ke kwalela diphuthego tsa Galatia.
3
Ka re: Tshegofatso e nne le lona, le kagiso e e tswang mo Modimong Rara, le Morena wa rona Jesu Keresete,
4
yo o intsheditseng dibe tsa rona, gore a re golole mo metlheng eno e e bosula, ka fa go rateng ga Modimo le Rara wa rona.
5
Yo kgalalelo e ka kang ya nna kwa go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
6
Ke a gakgamala, ka e le fa lo itlhaganela go tloga mo go ene yo o lo bileditseng mo tshegofatsong ya ga Keresete, lo ineela mo mafokong a a molemo a sele;
7
a e bileng e se mafoko a a molemo a sele; mme go na le bangwe ba ba lo huduang, ba rata go sokamisa Mafoko a a Molemo a ga Keresete.
8
Le fa e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele yo o tswang legodimong, fa a ka lo rerela mafoko a a molemo a sele, kwa ntle ga a re a lo reretseng, a a hutsege.
9
Jaaka re buile gale, ke bile ke bua jalo gape ka re: Fa motho mongwe a lo rerela Mafoko a a Molemo a sele, kwa ntle ga a lo a amogetseng, a a hutsege.
10
A ke ntse jaana, a ke lekela ntlheng ya batho, kgotsa ya Modimo? Kgotsa a ke leka go kgatlha batho? Fa ke ne ke sa ntse ke kgatlha batho, nka bo fano ke se motlhanka wa ga Keresete.
11
Gonne ke a lo itsise, bagaetsho, ka ga Mafoko a a Molemo a a rerilweng ke nna, ka re, ga a ka fa mothong.
12
Gonne le nna ga ke a a amogela mo mothong, le gone ga ke a a rutwa, mme a tsile mo go nna ka tshenolo ya ga Jesu Keresete.
13
Gonne lo utlwile ka ga mokgwa wa botshelo jwa me mo metlheng e e fetileng, jale ke le mo tumelong ya Sejuta, ka fa ke ntseng ka bogisa phuthego ya Modimo ka teng ka thata e kgolo, ka ba ka e senyaka.
14
Ka golela pele mo tumelong ya Sejuta, go feta bankana ba me ba le bantsi mo go bagaetsho, ka ke ne ke tlhoafaletse melawana ya borraetsho ka thata e e feteletseng.
15
E rile ka go kgatlha Modimo, o o sa leng o ntomolola le mo sebopelong sa ga mme, wa ba wa mpitsa ka tshegofatso ya one.
16
Ka re, ga kgatlha one go senola Morwa one mo go nna, gore ke tle ke mo rere mo go Baditšhaba; fela foo ga ke a ka ka gakololana le nama le madi;
17
le gone ga ke a ka ka tlhatlogela kwa Jerusalema, kwa go ba e neng e le baaposetole pele ga me; mme ka akofa ka ya kwa Arabia; ka ba ka boela kwa Damaseko.
18
Foo e rile dinyaga di le tharo di sena go feta, ka tlhatlogela kwa Jerusalema, ka ya go itsanye le Kefase, ka tlhola nae malatsi a le 15.
19
Mme ka se ka ka bona ope o sele wa baaposetole, fa e se Jakobe monnaa Morena.
20
Ka ga dilo tse ke di lo kwalelang, bonang, fa pele ga Modimo, ga ke ake.
21
Foo ka tla mo mafatsheng a Siria le Kilikia.
22
Mme ka bo ke ise ke itsiwe ka sefatlhogo mo diphuthegong tsa Jutea, tse di neng di le mo go Keresete;
23
ba ne ba utlwile fela go twe: “Ene yo e rileng gale a bo a re bogisa, jaanong o rera tumelo e e rileng gale a bo a e senya.”
24
ba galaletsa Modimo ka nna.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6