bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Galatians 4
Galatians 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 5 →
1
Ka re, moruaboswa, e a re fa a sa ntse a le ngwanyana, o ba a sa farologane le motlhanka ka gope, le mororo a le mong wa dilo tsotlhe.
2
Mme a nne mo taolong ya badisa le batlamedi, go ba a tla a fitlha mo motlheng o o laotsweng ke rraagwe.
3
Le rona re ntse jalo; e rile re sa le banyana, ra bo re le mo kgolegong ya dithuto tsa bonyana tsa lefatshe;
4
mme e rile motlha o o tletseng o fitlha, Modimo wa roma Morwa one, a belegwe ke mosadi, a tsholetswe mo molaong,
5
gore a rekolole ba ba mo molaong, gore re tle re newe boemo jwa bongwana.
6
Mme e re ka lo le bana, Modimo o romile Mowa wa Morwa one wa tla mo pelong tsa rona, o bitsa o re: “Aba, Rara.”
7
Ka jalo o bo o sa tlhole o le motlhanka, mme o ngwana; mme fa o le ngwana, jalo o a bo o le moruaboswa ka Modimo.
8
Le fa go ntse jalo, e rile ka motlha oo, ka lo ne lo sa itse Modimo, lwa bo lo le mo kgolegong ya e e seng medimo epe tlholegong;
9
mme jaanong, ka lo setse lo itse Modimo, a ke re bogolo, lo itsiwe ke Modimo, lo bile lo boela jang kwa ditlhakeng tsa bokoa le tsa lehumanyana, tse lo eletsang go ba lo nna mo kgolegong ya tsone gape?
10
Lo tlhokometse malatsi, le dikgwedi le metlha le dinyaga.
11
Ke a lo boifela ka re, e ka re gongwe ka bo ke diretse lefela mo go lona.
12
Ke a lo rapela bagaetsho, ka re lo nne jaaka nna, gonne nna ke ntse jaaka lona. Ga lo a ka lwa ntshiamololela ka gope.
13
Lo a itse fa e rile lwa ntlha ka lo rerela Mafoko a a Molemo, ka ntlha ya bokoa bongwe jwa nama;
14
mme se e neng e le bobe mo go lona mo nameng ya me, ga lo a ka lwa se nyatsa, le fa e le go se gana; mme lwa ntshola jaaka moengele wa Modimo, ee, jaaka Keresete Jesu.
15
Ka re, go kgana go lona ga jale go feletse kae? Gonne ke supa ka ga lona fa lo ne lo ka ikgonya matlho, lwa a nnaya, fa e ka bo e le mo go ne go ka dirwa.
16
Jalo a ke go re ke diregile mmaba wa lona, ka gobo ke lo bolelela boammaaruri?
17
Batho bao ba lo tlhologeletswe ka mokgwa o o seng molemo; nnyaa, ba rata go lo tswalela kwa ntle, gore lo batle bone.
18
Le gale go molemo go batlwa ka tlhoafalo ka ga sengwe se se molemo ka metlha yotlhe, e seng ka lobaka lo losi, lwa fa ke leng koo go lona.
19
Banyana ba me, ba ke bileng ke le mo ditlhabing tsa pelego ka lona, go bo go tsamaye Keresete a bopiwe mo go lona,
20
ee, le gompieno ke rata ka bo ke na le lona, ke ba ke fetola lentswe la me; gonne ke mo kakabalong ka ga lona.
21
Mpolelelang, lona ba lo eletsang go nna fa tlase ga molao, a ga lo utlwe molao?
22
Gonne go kwadilwe ga twe: Aberahame o ne a na le bana ba le babedi ba basimane, mongwe e le wa lelata, yo mongwe e le wa mosadi yo e leng ngwana wa motse.
23
Le fa go ntse jalo ngwana wa lelata a belegwa ka fa nameng; mme ngwana wa mosadi yo e leng ngwana wa motse a belegwa ka polelo ya tsholofetso.
24
Dilo tse, di na le setshwantsho; gonne basadi ba, ke dikgolagano di le pedi; nngwe e tswa thabeng ya Sinai, mme bana e ba tsalela kgolegong; ke yone Hagare.
25
Jaana Hagare yo, ke thaba ya Sinai mo lefatsheng le Arabia, o mo tshwanong ya Jerusalema wa gompieno; gonne o mo kgolegong le bana ba gagwe.
26
Mme Jerusalema o o kwa godimo, yo e leng mmaetsho, ke mogololesegi fela.
27
Gonne go kwadilwe ga twe: “Itumele, wena moopa yo o sa belegeng; ponyega o thomeletse, wena yo o sa boneng pelego; gonne bana ba yo o lore ba feta ba yo o nang le monna ka bontsi.”
28
Jaana bagaetsho, rona re ntse jaaka Isake a ne a ntse, re bana ba polelo ya tsholofetso.
29
Jaaka mo motlheng ole, yo o ne a bonywe ka fa nameng a bogisa yo o ne a bonywe ka fa Moweng, go ntse fela jalo le gompieno.
30
Lokwalo lwa reng? Lwa re: “Leleka lelata le ngwana wa lone; gonne ngwana wa lelata ga a ketla a tlhakanela boswa le ngwana wa mosadi yo e leng ngwana wa motse.”
31
Ke gone, bagaetsho, ga re bana ba lelata, re ba mosadi yo o leng ngwana wa motse.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
Recommended Reading
Commentary
Galatians Commentaries
→
Devotional
Galatians Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→