bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Galatians 5
Galatians 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 6 →
1
Keresete o re golotse ka kgololo; ke gone, tlhomamang, lo se ka lwa tlhola lo ikgweleanya ka jokwe ya botlhanka.
2
Bonang, nna Paulo, ke a lo raya ka re, fa lo rupa, Keresete ga a ketla a dira le thuso epe mo go lona.
3
Ee, ke bile ke supetsa mongwe le mongwe gape yo o rupang, fa a le molato le molao otlhe go o dira.
4
Lo lomologantswe mo go Keresete, lona ba lo ratang go siamisiwa ka molao; lo ole mo tshegofatsong.
5
Gonne rona re lebeletse tsholofelo ya tshiamo re le mo Moweng, ka tumelo.
6
Gonne mo go Keresete Jesu bogwera ga bo thuse sepe, le fa e le bokgola, fa e se tumelo fela e e dirang ka lorato.
7
Lo kile lwa nna lwa siana sentle; e mang yo o lo kgoreleditseng gore lo se utlwe boammaaruri?
8
Kgakololo e ga e a tswa mo go yo o lo bitsang.
9
Sebediso se le sennye se tle se bedise boupe jotlhe.
10
Ke ikantse Morena ka ga lona, gore ga lo ketla lo gopola ka go sele gope; mme yo o lo huduang, le fa e ka bo e le mang, o tlaa rwala tshekiso ya gagwe.
11
Nna, bagaetsho, fa ke sa ntse ke rera bogwera, ke bo ke sa ntse ke bogisediwang? Fa e le jalo kgopiso ya mokgoro e tlositswe.
12
A bo ba ba lo huduang ba ka bo ba ikgaola fela.
13
Gonne lona, bagaetsho, lo bileditswe kgololesego; lo se ka lwa fetola kgololesego ya lona sebaka sa nama go itirela; mme lo nne batlhanka, mongwe wa yo mongwe mo loratong.
14
Gonne molao otlhe o dirafadiwa mo lefokong le le lengwe fela, e bong mo go le, go re: “O rate wa gaeno jaaka o ithata.”
15
Mme fa lo lomana, lo jana, lo itise gore lo se nyeletsane.
16
Ka re, sepelang ka Mowa, mme ga lo ketla lo dirafatsa thato ya nama.
17
Gonne dithato tsa nama di tlhabana le Mowa, le Mowa o tlhabana le nama; gonne dilo tse di a tlhabana; e le gore lo se ka lwa dira tse lo di ratang fela.
18
Fa lo gogwa ke Mowa, lo bo lo se fa tlase ga molao.
19
Jaana ditiro tsa nama di a bonala, tse e leng boaka le bomaswe, le bopepe,
20
le tirelo ya medimo ya disetwa, le boloi, le dikilano, le kgang, le mafufa, le dikgakalo, le ditomologano, le dikgaogano, le makoko,
21
le dipelotshetlha, le matago, le ditlhapelo, le dilo tse di ntseng jalo; ke lo tlhagisa ka ga tsone, fela jaaka nkile ka lo tlhagisa, gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.
22
Mme loungo lwa Mowa ke lorato, le boitumelo, le kagiso, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikanngo,
23
le boingotlo, le boikgapo; dilo tse, ga di angwe ke molao ope.
24
Mme ba e leng ba ga Keresete Jesu ba bapotse nama, le dikgotelo le dithato tsa yone.
25
Fa re tshela ka Mowa, le gone a re sepeleng ka Mowa.
26
A re se nne boipelafatso fela, re se ka ra rumolana, ra direlana ka bopelotshetlha.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
Recommended Reading
Commentary
Galatians Commentaries
→
Devotional
Galatians Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→