bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Galatians 2
Galatians 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 3 →
1
E rile dinyaga di le 14 di sena go feta, ka ba ka tlhatlogela kwa Jerusalema, ke na le Barenabase, Tito le ene ke na nae.
2
Ka bo ke tlhatloga ka tshenolo; ka baya fa pele ga bone Mafoko a a Molemo, a ke a rerang mo go Baditšhaba; mme ya bo e le kwa thoko fa pele ga ba ba itsegeng fela, gore e se re kgotsa ka fitlhela ka bo ke sianela lefela, kgotsa ke ne ke sianetse lefela.
3
Mme le fa e le ene Tito yo ke ne ke na nae, e le Mogerika, ga a a ka a kgolelwa go rupisiwa.
4
Mme mo re ganne ka ntlha ya bakaulengwe ba e seng bone, ba ba lerilweng ka bonongwane, ba tla ka bonongwane go tlhola boitaolo jo re nang najo mo go Keresete Jesu, gore ba re tsenye mo kgolegong.
5
Mme bao, le fa e le ka lobaka lwa nako e le nngwe fela, ga re a ka ra ba ikisetsa tlase ka go ba ineela; gore boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo bo nnele ruri mo go lona.
6
Mme bone ba ba neng ba kaiwa ba le sengwe – le fa ba ka bo ba ne ba le eng, e be e se sepe mo go nna; Modimo ga o amogele bomangmang jwa motho – ka re, bone ba ba itsegeng ga ba a ka ba nthusa ka sepe;
7
nnyaa; e a re ba fitlhela ke neetswe Mafoko a a Molemo a ba bokgola, fela jaaka Petere o ne a neetswe Mafoko a a Molemo a bogwera.
8
– Gonne yo o baakantseng Petere, a mmakanyetsa boaposetole jwa bogwera, le nna o mpaakanyeditse go ya kwa go Baditšhaba.
9
E rile ba lemoga tshegofatso e ke e neilweng, Jakobe, le Kefase, le Johane, ba ba itsegeng fa e le maotwana, ba neela nna le Barenabase diatla tsa bolekane, gore re ye kwa go Baditšhaba, mme bone ba ye go ba bogwera.
10
Mme ba eletsa fela gore re gakologelwe bahumanegi; mo e leng gone le nna ke ne ke tlhoafaletse go go dira.
11
E rile Kefase a fitlha mo Antioke, ka mo ganetsa mo matlhong, ka a fitlhelwa a le molato.
12
Gonne e rile pele bangwe ba ba tswang kwa go Jakobe ba ise ba tle, a bo a ja fela le Baditšhaba; e rile bao ba sena go tla a ikgogona, a itomolola ka a boifa ba e leng ba bogwera.
13
Bajuta ba bangwe le bone ba itimokanya nae; le ene Barenabase a ba a tla a fenngwa ke boitimokanyo jwa bone.
14
Mme e rile ke fitlhela ba sa sepela ka tshiamo, ka fa boammaaruring jwa Mafoko a a Molemo, ka raya Kefase fa pele ga bone botlhe ka re: “Fa wena yo o leng Mojuta, o tshela jaaka Baditšhaba, e seng jaaka Bajuta, o patelela Baditšhaba jang gore ba tshele jaaka Bajuta?”
15
Rona, e re ka re le Bajuta tlholegong, re se baleofi ba Baditšhaba,
16
le fa go ntse jalo, re ntse re itse fa motho a sa siamisiwe ka ditiro tsa molao, fa e se ka tumelo mo go Jesu Keresete, le rona ra dumela mo go Keresete Jesu, gore re siamisiwe ka tumelo mo go Keresete, e seng ka ditiro tsa molao; gonne ga go motho ope yo o ka siamisiwang ka ditiro tsa molao.
17
Mme fa e rile re senka go siamisiwa mo go Keresete, le rona ka rosi ra fitlhelwa re le baleofi, a ke go re, Keresete ke modiredi wa boleo? A go se tualo.
18
Gonne fa ke bile ke aga dilo tse ke di sentseng, ke a itlhomamisa fa ke le motlodi.
19
Gonne e rile ka molao nna ka swa ka ga molao, gore ke tle ke tshelele Modimo.
20
Ke bapotswe le Keresete; le fa go ntse jalo ke tshedile; le fa go ntse jalo e be e sa tlhole e le nna, mme ke Keresete o tshedileng mo go nna; botshelo jo ke bo tshedileng jaanong mo nameng, ke bo tshelela mo tumelong, e bong tumelo e e mo go Morwa Modimo, yo o nthatileng, a ba a intshetsa nna.
21
Ga ke dire tshegofatso ya Modimo go nna lefela, gonne fa tshiamo e eme ka molao, foo Keresete o tlaa ba a swetse lefela.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6