bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hosea 12
Hosea 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 13 →
1
“Eferaime o ja phefo, o latela phefo ya botlhabatsatsi; o tlhola a ntsifatsa maaka le tshwafalo; mme ba dira kgolagano le Asiria, le gone lookwane lo isiwa kwa Egepeto.”
2
Jehofa o bile a na le kgang le Juta, o tlaa kgopholola Jakobe ka fa mekgweng ya gagwe; o tlaa mo duela ka fa ditirong tsa gagwe.
3
E rile a sa le mo mpeng a tshwara mogolowe ka serethe; le gone mo bonneng jwa gagwe o ne a na le thata le Modimo.
4
Ee, o ne a na le thata mo moengeleng, mme a fenya, a lela, a mo kokotlela. A mo fitlhela kwa Bethele, mme a bua le rona gone.
5
E bong Jehofa, Modimo wa masomosomo, Jehofa ke segopodiso sa gagwe.
6
Ke gone boela Modimong wa gago, tshegetsa boutlwelobotlhoko le katlholo, mme o lebelele Modimo wa gago ka metlha yotlhe.
7
“Ke ene Mokanana, dilekanyo tsa tsietso di mo seatleng sa gagwe, o rata go patika.
8
Eferaime a re: ‘Ke a bo ke humile, ke iponetse khumo; mo ditirong tsotlhe tsa me ga ba ketla ba fitlhela boikepo bope jo bo ka nnang boleo.’
9
Ke ntse ke le Jehofa Modimo wa gago o sa le o tswa kwa Egepeto; ke tlaa nama ke ba ke go agisa mo megopeng, jaaka jale mo metlheng ya modiro o o masisi.
10
Ke bile ke buile le baperofeti, ke ntsifaditse diponatshegelo; ke buile ka ditshwantsho ka tirelo ya baperofeti.
11
A Gileate ke boikepo? Botlhe ke boithamako fela. Mo Gilegale ba isa dikgomo ditlhabelo. Ee dibeso tsa bone di ntse jaaka mekoa mo ditemaneng tsa leota.”
12
Jakobe o kile a tshabela kwa nageng ya Arame, Iseraele a direlela mosadi, a disa dinku gore a tle a bone mosadi.
13
Jehofa a ntsha Iseraele kwa Egepeto ka moperofeti, a ba a bolokwa ke moperofeti.
14
Eferaime o tlhotlheleditse bogaleng fela mo go botlhoko; ke gone ka moo madi a gagwe a tlaa tlogelwang mo go ene, kgobo ya gagwe Morena o tlaa e busetsa mo go ene.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14