bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hosea 14
Hosea 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
1
Iseraele we, boela mo go Jehofa Modimo wa gago; gonne o ole ka boikepo jwa gago.
2
Yang le mafoko, lo boele mo go Jehofa; lo mo reye lo re: “Tlosa boikepo jotlhe, mme o amogele se se molemo; jalo re tlaa isa tshupelo ya melomo ya rona jaaka e ka bo e le dikgomo.
3
Ašure ga a ketla a re boloka; re tlaa gana go palama dipitse; le gone ga re ketla re tlhola re raya tiro ya diatla tsa rona re re: ‘Lo medimo ya rona;’ gonne lesiela le bona kutlwelobotlhoko mo go wena.”
4
“Ke tlaa fodisa tenego ya bone, ke tlaa ba rata ka go thama ga pelo fela; gonne bogale jwa me bo mo fapogile.
5
Ke tlaa nna jaaka monyo mo go Iseraele; o tlaa thunya jaaka thunyo ya lesoma, mme o tlaa nama metswe jaaka Lebanone.
6
Dikala tsa gagwe di tlaa nna maphatladika, le bontle jwa gagwe bo tlaa nna jaaka jwa motlhware le lonko lwa gagwe jaaka lwa Lebanone.
7
Ba ba agileng fa tlase ga moriti wa gagwe ba tlaa boa; ba tlaa rulwa jaaka mabele, ba thunya jaaka mofine. Lonko lwa gagwe lo tlaa nna jaaka lwa bojalwa jwa mofine jwa Lebanone.
8
Eferaime o tlaa re: ‘Ke sa tlhola ke dirang ka ditshwantsho tse di setilweng?’ Ke mo arabile, mme ke tlaa mo tlhokomela; ke ntse jaaka setlhare sa mofira o motala; loungo lwa gago lo bonwa mo go nna.”
9
Yo o botlhale ke mang, mme o tlaa tlhaloganya dilo tse? Le yo o bonokopela, mme o tlaa di itse? Gonne ditsela tsa ga Jehofa di siame, mme ba ba tshiamo ba tlaa sepela mo go tsone; batlhodi bone, ba tlaa wa mo go tsone.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14