bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hosea 9
Hosea 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 10 →
1
Wena Iseraele, o se ka wa itumela ka boitumelo, jaaka ba ditšhaba, gonne o dule mo Modimong wa gago wa ya boakeng, o ratile go thapiwa ka tuelo mo seboping sengwe le sengwe sa mabele.
2
Sebopi sa pholelo le kgatisetso ya bojalwa jwa mofine ga di ketla di ba otla, le bojalwa jo boša bo tlaa mo tlhaela.
3
Ga ba ketla ba aga mo lefatsheng la ga Jehofa; Eferaime o tlaa boela Egepeto, ba tlaa ja dijo tse di seng dintle kwa Asiria.
4
Ga ba ketla ba thelela Jehofa ditshupelo tsa bojalwa jwa mofine, le gone ga di ketla di mo natefela; ditlhabelo tsa bone di tlaa nna mo go bone jaaka senkgwe sa bahutsafadi; botlhe ba ba se jang ba tlaa itshekologa; gonne senkgwe sa bone, e tlaa nna sa bone sa go jelwa mo mpeng; ga se ketla se tsena mo ntlong ya ga Jehofa.
5
Lo tlaa dirang mo motlheng wa modiro o o masisi, le mo motlheng wa modiro wa ga Jehofa?
6
Gonne, bonang, ba tsamaile ba dule tshenyegong, le fa go ntse jalo Egepeto o tlaa ba kokoanya, Memefise o tlaa ba fitlha; dilo tsa bone tse dintle tsa selefera, sebabetsane se tlaa di rua; go tlaa nna mitlwa mo megopeng ya bone.
7
Metlha ya kgophololo e fitlhile, metlha ya tefetso e fitlhile; Iseraele o tlaa go itse; moperofeti ke lesilo, motho yo o nang le mowa o a tsenwa, ka ntlha ya bontsi jwa maikepo a gago, le ka ntlha ya go bo bobaba bo le bogolo.
8
Eferaime e ne e le molebedi, a na le Modimo wa me; ka ga moperofeti, seru sa mothaya nonyane se mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, le bobaba mo ntlong ya Modimo wa gagwe.
9
Ba ipodiseditse kwa teng, jaaka mo metlheng ya Gibea; o tlaa gakologelwa boikepo jwa bone, a kgopholola maleo a bone.
10
“Ke fitlhetse Iseraele a ntse jaaka difine mo nageng; ka bona borraeno jaaka mabutswapele mo mofeigeng mo motlheng wa one wa ntlha; mme ba tla mo go Baale-peore, ba itshwaela selo se se ditlhong, ba tswa se se ferosang sebete fela jaaka selo seo se ba se ratileng.
11
Ka ga Baeferaime, kgalalelo ya bone e tlaa fofela koo jaaka nonyane; ga go ketla go nna botsalo, le fa e le ope yo o moimana, le fa e le yo o ithweleng.
12
Le fa ba godisa bana ba bone, le fa go ntse jalo ke tlaa ba thukhutha, go ba go tlhoka le go sala ope. Ee, gape go a bo go latlhega bone mogang ke tlogang mo go bone.”
13
Eferaime o tlhomilwe mo felong fa gontle, jaaka nkile ka bona Ture; mme Eferaime o tlaa ntshetsa babolai bana ba gagwe.
14
Jehofa a ko o ba abele; o tlaa ba naya eng? Ba neye sebopelo se se senyegelwang, le mabele a a husitseng.
15
“Boikepo jotlhe jwa bone bo mo Gilegale; gonne ka ba ila gone, ka ntlha ya boikepo jwa ditiro tsa bone, ke tlaa ba leleka mo ntlong ya me. Ga nketla ke tlhola ke ba rata; dikgosana tsotlhe tsa bone ke dirukhutlhi fela.
16
Eferaime o iteegile, modi wa bone o omeletse, ga ba ketla ba ungwa; ee, le fa ba ka belega, le fa go ntse jalo ke tlaa senya loumo lo lo rategang lwa sebopelo sa bone.”
17
Modimo wa me o tlaa ba latlha, ka ba se ka ba o reetsa; ba tlaa nna bakaidi fela mo merafeng.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14