bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hosea 7
Hosea 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 8 →
1
“E rile ke rata ke ka bo ke fodisa Iseraele, foo boikepo jwa Eferaime jwa senolwa, le bosula jwa Samaria; gonne ba dira maaka; le legodu le tsene mo teng, ditlhopha tsa dinokwane di be di gape kwa ntle.
2
Ga ba gopole mo dipelong tsa bone fa ke gakologetswe bosula jotlhe jwa bone; jaana ditiro tsa bone di ba dikile; di fa pele ga sefatlhogo sa me.
3
“Ba itumedisa kgosi ka bosula jwa bone, le dikgosana ka maaka a bone.
4
Ke bagokafadi botlhe, ba ntse jaaka pesetso e e goteditsweng ke mmesi wa senkgwe; o khutlela molelo go o kgotletsa, go tswa mo go dubeng boupe bo bo bo tsamaye bo bele.
5
E rile ka letsatsi la kgosi ya rona, dikgosana tsa itsenya botlhoko ka mogote wa bojalwa jwa mofine, ya otlolola seatla sa yone le basotli.
6
Gonne ya re ba laletse batho ba ipaakanye dipelo jaaka pesetso, mmeseletsi wa bone a lale a robetse bosigo jotlhe, mme mo mosong go bo go tuke jaaka molelo o o tutumang.
7
“Ba gotetse botlhe jaaka pesetso, mme ba suputsa baatlhodi ba bone, dikgosi tsa bone di ole tsotlhe; ga go na ope mo go bone yo o mpitsang.
8
“Eferaime ene o itlhakanya le ditšhaba; Eferaime ke senkgwe se se papetla se se sa pitikololwang.
9
Baeng ba supuditse thata ya gagwe, mme ga a go itse; ee, meriri e mebududu e wela mo go ene, mme ga a go itse.
10
Boikgodiso jwa ga Iseraele bo supa mo sefatlhogong sa gagwe; le fa dilo tse tsotlhe di ntse jalo, ga ba a boela mo go Jehofa Modimo wa bone, le fa e le go mmatla.
11
Eferaime o ntse jaaka lephoi le le boeleele, ga a na tlhaloganyo; ba itse Egepeto, ba ye kwa Asiria.
12
Mogang ba tsamayang ke tlaa ba tsharololela lotloa lwa me; ke tlaa ba folosa jaaka dinonyane tsa loapi, ke tlaa ba otlhaya jaaka phuthego ya bone e utlwile.
13
“A bo ba latlhega! Gonne ba ntimeletse; a bo ba senyega! Gonne ba ntloletse; le fa ke ne ke rata ke ka bo ke ba rekolola, ba buile maaka ka ga me fela.
14
Le gone ga ba a ntelela ka pelo tsa bone, mme ba gogotlega mo malaong a bone; ba phuthegela mabele le bojalwa jwa mofine ba a ntsuololela.
15
Le fa ke ba rutile ka ba ka thatafatsa mabogo a bone, le fa go ntse jalo ba ntlhatlhanyetsa bosula fela.
16
Ba a boa, mme ga ba boele go ene yo o kwa godimong; ba ntse jaaka bora jo bo laologileng; dikgosana tsa bone di tlaa wa ka tšhaka ka ntlha ya tšararego ya loleme lwa bone; se e tlaa nna tshotlo ya bone mo lefatsheng la Egepeto.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14