bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
/
Numbers 9
Numbers 9
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 10 →
1
MI Yehova a bua le Moshe mo bogareñganaga yoa Sinai, ka khueri ea eintla ea ñuaga oa bo‐tu, morago ga go coa ga bona mo hatsiñ ya Egepeto, a re,
2
A bana ba Yeserele ba rihe Tlolaganyo mo motleñ oa eona o o laocoeñ.
3
Lo e rihe ka matsiboea a tsatsi ya bo‐forten ya khueri enu, mo motleñ oa eona o o laocoeñ: lo e rihe kaha taeoñ tsa eona cotle, le kaha mekhueñ ea eona eotle.
4
Mi Moshe a bua le bana ba Yeserele, gore ba rihe Tlolaganyo.
5
Mi ba riha Tlolaganyo ka matsiboea a tsatsi ya bo‐forten ya khueri ea eintla mo bogareñganaga yoa Sinai; bana ba Yeserele ba riha hela yalo, kaha cotleñ tse Yehova a la a li laolela Moshe.
6
¶ Mi gabo gole banona ba ba le ba itsekolocoe ka serepa sa mothu, mi ba le ba palelca ki go riha Tlolaganyo ka tsatsi yeuo: mi ba ea ha pele ga Moshe le Arone ka tsatsi yeuo.
7
Mi banona ba, ba mo raea, Re itsekolocoe ki serepa sa mothu; re khorelericoeñ go isa cupelo ea ga Yehova ka motla o o laocoeñ oa eona, mo baneñ ba Yeserele?
8
Mi Moshe a ba raea, Emañ, mi ki tla utlua se Yehova o tla se laolañ kaga lona.
9
¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re,
10
Bua le bana ba Yeserele, u re, Ha moñue oa lona, khotsa oa kokomana tsa lona eo o tla itsekololoañ ka serepa, leha a le mo etoñ lo lolele, leha gontse yalo a a rihele Yehova Tlolaganyo.
11
A ba e rihe, ba e ye le tse ri sa berisioañ le merogo e e galakañ ka matsiboea a tsatsi ya bo‐forten ya khueri ea bo‐tu.
12
A ba si bele mosho sepe sa eona, le esiñ go roba sapo lepe ya eona: a ba e rihe kaha taeoñ cotle tsa Tlolaganyo.
13
Mi ha monona eo o itsekileñ, a si mo loetoñ, mi a khutla go riha Tlolaganyo, a mothu eouo a khaoloe mo bathuñ ba gague: gone a si ka a isa cupelo ea ga Yehova mo motleñ oa eona o o laocoeñ, monona eo a a belege seleo sa gague.
14
Mi ha moeñ a tlolatlola mo go lona, mi a rihela Yehova Tlolaganyo; a a rihe kaha taeoñ ea Tlolaganyo, le kaha mokhueñ oa eona: lo ne le taeo e le eñue go moeñ, le go eo o tsecoeñ mo gae.
15
¶ Mi leru ya khurumetsa taberenakela, eboñ tenta ea seshupo, ka tsatsi ye taberenakela e le ea tloñoa ka yeona: mi ga na cuano ea molelo ka matsiboea gorimo ga taberenakela go ea kua moshoñ.
16
Mi ga na yalo ka gale: leru ya e khurumetsa ka motsegare, mi cuano ea molelo e le le ka bosigo.
17
Mi eare leru le culerioa gorimoñ ga tenta, ereha gona bana ba Yeserele ba tlogañ morago ga mouo; mi helo kua leru le nnañ gona, bana ba Yeserele ba tlaolela gona.
18
Bana ba Yeserele ba tloga ka molomo oa ga Yehova, mi ba tlaolela ka molomo oa ga Yehova: ba tlola ka malatsi aotle a leru le nntseñ gorimo ga taberenakela ka aona.
19
Mi ha leru le na ka bolele, ka malatsi mantsi, gorimo ga taberenakela, ereha gona bana ba Yeserele ba tsegetsañ tebelo ea ga Yehova, mi ba si ke ba tloge.
20
Mi ga na yalo, eare leru le na malatsi manye gorimo ga taberenakela, ba tlola ka molomo oa ga Yehova, mi ba tloga ka molomo oa ga Yehova.
21
Mi ga na yalo, ha leru e le le gona ka matsiboea le go ea moshoñ, mi ha leru le culerioa mo moshoñ, ereha gona ba tlogañ: ba tloga ha leru le culerioa ka motsegare khotsa bosigo.
22
Mi ha leru le na ka bolele gorimo ga taberenakela, le nna go eona ka malatsi a tu, khotsa ka khueri, khotsa ka ñuaga, bana ba Yeserele ba tlola, ba sa tloge: mi eare le culerioa ba tloga.
23
Ba tlaolela ka molomo oa ga Yehova, mi ba tloga ka molomo oa ga Yehova: ba tsegetsa tebelo ea ga Yehova ka molomo oa ga Yehova, ka eintla ea ga Moshe.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36