bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Chronicles 16
1 Chronicles 16
Tswana Setswana 1970
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 17 →
1
Ya re ba sena go fitlhisa Letlole la Modimo, ba le baya mo teng ga tente e Dafita o neng a e le tlhometse, ba feta ba tlisa ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo fa pele ga Modimo.
2
Ya re Dafita a sena go dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, a tshegofatsa morafe ka leina la Morena.
3
A ba a abela mongwe le mongwe wa Baiseraele, banna le basadi, senkgwe se le sengwe le nama le senkgwana sa maswabi a moweine.
4
Mme bangwe ba Balefi a ba dira badiredi fa pele ga Letlole la Morena gore ba tumise Morena, Modimo wa Iseraele, ba o leboge ba o bake:
5
E bong Asafe yo e leng tlhogo le Sagaria yo o tlhomaganang nae le Jehuele le Semiramothe le Jehiele le Mathitya le Eliabe le Benaya le Obete-Etomo le Jegiele ba tshotse diletso tsa diharepa le dikwadi, mme Asafe a letsa matlhao-a-mabogo.
6
Mme baperesiti Benaya le Jahasiele ba nna ba letsa diphala ka metlha fa pele ga Letlole la Kgolagano ya Modimo.
7
E ne e le ga ntlha ka letsatsi leo, fa Dafita a opedisa Asafe le ba ga gabo “Lebogang Morena.”
8
Lebogang Morena, bitsang leina la gagwe, utlwatsang ditiro tsa gagwe mo merafeng.
9
Mo opeleleng, mo leletseng, akanyang dikgakgamatso tsotlhe tsa gagwe.
10
Ikgantsheng ka leina le le boitshepo la gagwe; a go itumele dipelo tsa ba ba batlang Morena.
11
Elang Morena tlhoko le thata ya gagwe, lo nne lo batle sefatlhego sa gagwe ka gale.
12
Gopolang dikgakgamatso tsa gagwe tse o di dirileng ditshupo tsa metlholo tsa gagwe le dikatlholo tsa molomo wa gagwe,
13
lona bana ba ga Iseraele motlhanka wa gagwe, lona bomorwa Jakobe, baitlhophelwi ba gagwe.
14
Morena ke ene Modimo wa rona; dikatlholo tsa gagwe di mo lefatsheng lotlhe.
15
Gopolang kgolagano ya gagwe ka bosakhutleng le lefoko le o le laetseng ditshika di le sekete;
16
kgolagano e o e dirileng le Aborahame le ikano e o e ikanetseng Isaka.
17
A e beela Jakobe molao le Iseraele kgolagano e e sa khutleng,
18
fa a re: “Ke tla go naya lefatshe la Kanana go nna kabelo ya boswa jwa lona;”
19
jale fa ba sa le bannye mo palong, ba se kae, ba jaka mo go lone.
20
Ba itsamaela, ba tswa setšhabeng ba ya setšhabeng, ba tlogela bogosi bongwe ba ya kwa morafeng o mongwe.
21
A se ka a letlelela ope go ba gatelela, a betsa dikgosi ka ntlha ya bone a re:
22
“Lo se ka lwa ama batlodiwa ba me le e seng go direla baporofeti ba me bosula.”
23
Opelelang Morena, lona ba lefatshe lotlhe; utlwatsang boitumelo jwa pholoso ya gagwe ka letsatsi le letsatsi.
24
Bolelang kgalalelo ya gagwe mo ditšhabeng le dikgakgamatso tsa gagwe mo merafeng yotlhe.
25
Gonne Morena o mogolo, o tshwanetse go bakwa segolo; o bile o a boitshega bogolo go medimo yotlhe.
26
Gonne medimo yotlhe ya merafe ke ditshwantsho fela, mme Morena o dirile legodimo.
27
Borena le kgalalelo di fa pele ga sefatlhego sa gagwe; nonofo le boitumelo di mo felong ga gagwe.
28
Lona ditshika tsa merafe, neelang Morena, lo neele Morena tlotlo le thata.
29
Neelang Morena tlotlo ya leina la gagwe; tlisang tshupelo, lo tle fa pele ga sefatlhego sa gagwe; obamelang Morena lo kgabile ka boitshepo.
30
Tlakaselang fa pele ga gagwe, lona ba lefatshe lotlhe; kana lefatshe le tlhomame, ga le reketle.
31
A magodimo a itumele, a lefatshe le ipele! A go buiwe mo ditšhabeng go twe: “Kgosi ke Morena!”
32
A lewatle le sume le tse di tletseng mo go lone! A naga e duduetse le tsotlhe tse di mo go yona!
33
Foo ditlhare tsa sekgwa di tla ipela fa pele ga Morena; gonne o e tla go atlhola lefatshe.
34
Lebogang Morena, gonne o molemo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.
35
E reng: “Re pholose, Modimo wa pholoso ya rona; re phuthe, re golole mo ditšhabeng gore re leboge leina le le boitshepo la gago, re ipelafatse ka go baka wena.”
36
A go tumisiwe Morena Modimo wa Iseraele go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng! Ke fa batho botlhe ba re: “Amen! Baka Morena!”
37
Mme Dafita a tlogela Asafe le ba ga gabo gona fa pele ga Letlole la Kgolagano ya Morena gore ba nne ba direle fa pele ga Letlole ka gale ka fa go batlegang ka teng ka letsatsi le letsatsi.
38
Mme Obete-Etomo morwa Jeduthune le Hosa le ba ga bone, banna ba le 68, a ba dira badisa ba mojako.
39
A ba a tlogela Satoke moperesiti le ba ga gabo ba e leng baperesiti fa pele ga Tente ya Boipontsho ya Morena kwa thoteng ya tlhabelo e e neng e le kwa Gibeone
40
gore ba nne ba direle Morena ditlhabelo tsa phiso mo aletareng ya tsona ka gale mo mosong le mantsiboa le go dira tsotlhe tse di kwadilweng mo molaong wa Morena o a o laetseng Baiseraele.
41
Ba bo ba na le Hemane le Jeduthune le ba bangwe ba ba tlhaotsweng ba ba boletsweng ka maina gore ba leboge Morena ka bopelotlhomogi jwa gagwe e le jo bo sa khutleng.
42
Mme Hemane le Jeduthune ba ne ba na le diphala le matlhao-a-mabogo le diletso tsa difela tsa Modimo, e le tsa ba ba di letsang. Mme bomorwa Jeduthune bone ba disa kgoro.
43
Jaanong batho botlhe ba ya kwa gae, mongwe le mongwe kwa lapeng la gagwe; le Dafita a boa go dumedisa ba lapa la gagwe.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29