bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Chronicles 19
1 Chronicles 19
Tswana Setswana 1970
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 20 →
1
Morago ga moo Nahase a swa, kgosi ya Baamone, mme Hanune morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
2
Ke fa Dafita a re: “Ke tla direla Hanune morwa Nahase ka bopelotlhomogi; gonne rraagwe o ne a ntirela ka bopelotlhomogi.” Ka moo Dafita a roma barongwi go mo tshedisa ka ntlha ya ga rraagwe. Mme ya re batlhanka ba ga Dafita ba fitlha kwa lefatsheng la Baamone kwa go Hanune go mo tshedisa,
3
dikgosana tsa Baamone tsa raya Hanune tsa re: “A o a re Dafita o tlotla rraago ka a romile bagomotsi kwano go wena? A ga se go re, batlhanka ba gagwe ba tlile kwano go wena go sekaseka lefatshe le go le senya le go le tlhola?”
4
Ke fa Hanune a tshwara batlhanka ba ga Dafita, a ba beola bontlhanngwe jwa ditedu, a kgaola bontlhanngwe jwa diaparo tsa bone ka bogare fa lethekeng, a ba a ba naya tsela.
5
Ba tsamaya. Ya re Dafita a begelwa ka ga banna bao a roma go ba kgatlhantsha; gonne banna bao ba ne ba tlhabisitswe ditlhong thata. Kgosi ya re: “Nnang kwa Jerigo go ya ditedu tsa lona di be di gole; morago ga moo lo boe.”
6
E rile Baamone ba bona gore ba itlhoisitse Dafita, Hanune le Baamone ba romela ditalente di le 1 000 tsa selefera kwa go Basiria ba Mesopotamia le go Basiria ba Maaga le kwa Soba go ithapela dikoloi tsa ntwa le bapalami.
7
Ba ithapela dikoloi tsa ntwa di le 32 000 le kgosi ya Maaga le batlhabani ba yona; ba tla ba thibelela ntlheng ya botlhabatsatsi ya Meteba; le Baamone ba phuthega, ba tswa mo metseng ya bone, ba tla go tlhabana.
8
Ya re Dafita a utlwa jalo, a roma Joabe le mephato yotlhe ya bagale.
9
Jaanong Baamone ba bolola, ba ikemisa ka thulaganyo ya tlhabano ka fa ntle ga kgoro ya motse mme dikgosi tsele tse di tsileng di ne di le go sele kwa nageng.
10
Jaanong ya re Joabe a lemoga gore ntwa e mo potile ka kwa pele le kwa morago, a tlhopha banna mo mephatong yotlhe ya Iseraele, a ba rulaganya go kgatlhantsha Basiria.
11
Mme banna ba ba setseng a ba neela mo taolong ya ga Abisai monnawe gore ba ikemise go kgatlhantsha Baamone.
12
A laela a re: “Fa Basiria ba mphekeetsa, o tle o nthuse; mme fa Baamone ba go fekeetsa, ke tla tla go go thusa.
13
Nna pelokgale, a re itshupe re le bagale ka ntlha ya morafe wa rona le ka ntlha ya metse ya Modimo wa rona! A Morena a dire tse di siameng mo matlhong a gagwe.”
14
Jaanong ya re Joabe le banna ba ba nang nae ba atamela Basiria go tlhabana nabo, ba tshaba fa pele ga gagwe.
15
Mme ya re Baamone ba bona Basiria ba tshaba, le bone ba tshaba fa pele ga Abisai monnawe, ba tsena mo motseng. Ke fa Joabe a boela kwa Jerusalema.
16
Ya re Basiria ba bona, fa ba fentswe ke Baiseraele, ba roma barongwi, ba bolotsa Basiria ba ba kwa moseja ga noka ya Ferathe, mme Sofage molaodi wa mephato ya ga Hatatesere a ba etelela pele.
17
Ya re Dafita a bolelelwa jalo, a phutha Baiseraele botlhe, a tshela Joretane a fitlha fa go bone, a feta a ema teng; ya re Dafita a se na go emisa batlhabani ka thulaganyo go ya go kgatlhantsha Basiria, ba tlhabana nae.
18
Mme Basiria ba tshaba fa pele ga Baiseraele, mme Dafita a bolaya banna ba dikoloi di le 7 000 tsa Basiria le banna ba le 40 000 ba dinao; a bolaya le Sofage molaodi wa mephato.
19
Jaanong ya re batlhanka ba ga Hatatesere ba bona, fa ba fentswe ke Baiseraele ba dira kagiso le Dafita, ba mo direla. Mme Basiria ba se ka ba tlhola ba rata go thusa Baamone.
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29