bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Chronicles 27
1 Chronicles 27
Tswana Setswana 1970
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 28 →
1
Go fa go bolelwa Baiseraele ka fa palong ya bone, e bong ditlhogo tsa dikgoro le balaodi ba dikete le ba makgolo le baduedi ba bone ba ba direlang kgosi mo dilong tsotlhe tsa mephato e e refosanyang mo tirong ka kgwedi le kgwedi ngwaga otlhe. Mophato o le mongwe e ne e le batlhabani ba le 24 000.
2
Mookamedi wa mophato wa ntlha wa kgwedi ya ntlha e ne e le Jasobeame morwa Sabediele; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
3
Ene e ne e le oora Pherese, e le tlhogo ya balaodi botlhe ba mephato kgweding ya ntlha.
4
Mookamedi wa mophato wa kgwedi ya bobedi e ne e le Dotai wa kwa Ahohi, mme Mikelothe e le moeteledipele wa mophato wa gagwe; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
5
Molaodi wa mophato wa boraro wa kgwedi ya boraro e ne e le Benaya morwa Joyata moperesiti yo mogolo; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
6
Benaya yoo e ne e le mogale wa ba ba 30 le mookamedi wa bone; mookamedi wa mophato wa gagwe e ne e le Amisabate morwawe.
7
Molaodi wa bone wa kgwedi ya bone e ne e le Asahele monnaa Joabe le Sebatya morwawe sehularong sa gagwe; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
8
Molaodi wa botlhano wa kgwedi ya botlhano e ne e le Samehuthe wa kwa Isera; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
9
Molaodi wa borataro wa kgwedi ya borataro e ne e le Ira morwa Ikese wa kwa Thekoa; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
10
Molaodi wa bosupa wa kgwedi ya bosupa e ne e le Helese wa kwa Phelone wa Baeferaime; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
11
Molaodi wa robedi wa kgwedi ya robedi e ne e le Sibegai wa kwa Huša wa losika lwa ga Sera; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
12
Molaodi wa robongwe wa kgwedi ya robongwe e ne e le Abiesere wa kwa Anathothe wa Babenyamene; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
13
Molaodi wa some wa kgwedi ya some e ne e le Maharai wa kwa Netofa wa losika lwa ga Sera; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
14
Molaodi wa 11 wa kgwedi ya 11 e ne e le Benaya wa kwa Phirathone wa Baeferaime; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
15
Molaodi wa 12 wa kgwedi ya 12 e ne e le Heletai wa kwa Netofa wa losika lwa ga Otheniele; ba mophato wa gagwe ba le 24 000.
16
Baokamedi ba ditso tsa Iseraele e ne e le ba: Moeteledipele wa Barubene e le Eliesere morwa Sigeri; wa Basimeone e le Sefatya morwa Maaga;
17
wa Balefi e le Hasabja morwa Kemuele; wa boora Arone e le Satoke;
18
wa Bajuta e le Elihu wa bomorwa-rraagwe Dafita; wa Baisašare e le Omeri morwa Migaele;
19
wa Basebulone e le Isemaya morwa Obatya; wa Banafetale e le Jeremothe morwa Aseriele;
20
wa Baeferaime e le Hosea morwa Asasia; wa bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase e le Joele morwa Phetaya;
21
wa bontlhanngwe jwa Bamanase ba kwa Gileate e le Ito morwa Sagaria; wa Babenyamene e le Jaasiele morwa Abenere;
22
wa Badane e le Asarele morwa Jerohame. Ke bone balaodi ba ditso tsa Baiseraele.
23
Mme Dafita a se ka a tshola palo ya bone ba ba dinyaga di 20 le e seng ya bomonnaa-bone; gonne Morena o ne a solofeditse go ntsifatsa Baiseraele jaaka dinaledi tsa legodimo.
24
Joabe morwa Seruya o ne a simolotse go bala morafe, mme a se ka a fetsa, ka petso ya bogale e ne e wetse Baiseraele ka ntlha ya gona; le gona palo ya teng ya se ka ya tsholwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa malatsi a kgosi Dafita.
25
Mookamedi wa matlotlo a kgosi e ne e le Asemawethe morwa Adiele. Mme mookamedi wa matlotlo a a kwa nageng le mo metseng le mo metsaneng le mo dinakeng tsa phemelo e ne e le Jonathane morwa Usia.
26
Mookamedi wa balemi ba masimo e ne e le Eseri morwa Kelobe.
27
Mookamedi wa masimo a moweine e ne e le Simei wa kwa Rama; mookamedi wa ditsaga tsa weine tse di neng di le kwa masimo e ne e le Sabedi wa kwa Sifeme.
28
Mookamedi wa ditlhare tsa olefa le tsa mefaa tse di neng di le mo nageng e e kwa tlase e ne e le Baale-Hanane wa kwa Getere; mookamedi wa lookwane lo lo bolokilweng e ne e le Joase.
29
Mookamedi wa dikgomo tse di neng di fula kwa lebaleng la Sarone e ne e le Siterai wa kwa Sarone; mme mookamedi wa dikgomo tse di mo melapong e ne e le Safate morwa Atelai.
30
Mookamedi wa dikammele e ne e le Obile wa Moisemaele; mme mookamedi wa diesele tse dinamagadi e ne e le Jedia wa kwa Meronothe.
31
Mookamedi wa difutshane e ne e le Jasise wa kwa Hagare. Botlhe bao e ne e le baokamedi ba bagolo ba maruo a kgosi Dafita.
32
Mme Jonathane rrangwanaagwe Dafita e ne e le mogakolodi, e le monna wa tlhaloganyo yo o rutegileng; mme Jehiele morwa Hagemoni o ne a na le bomorwa kgosi.
33
Ahithofele e ne e le mogakolodi wa kgosi; mme Husai wa Moaregi e ne e le tsala e e ikanyegang ya kgosi.
34
Ahithofele o ne a tlhomagannwa ke Joyata morwa Benaya, le Abjathare; mme molaodi wa mephato ya kgosi e ne e le Joabe.
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 28 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29