bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Chronicles 18
1 Chronicles 18
Tswana Setswana 1970
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 19 →
1
Morago ga moo Dafita a fenya Bafelesita, a ba dira batlhanka, a ba a ba amoga mošate wa Gathe le metsana ya ona.
2
A fenya le Bamoabe, le bone ba nna batlhanka ba gagwe ba mo ntshetsa lekgetho.
3
Dafita a ba a fenya Hatatesere kgosi ya Soba ntlheng ya Hamathe, jale fa a ya go tlhomamisa puso ya gagwe kwa nokeng ya Ferathe.
4
Dafita a mo amoga dikoloi tsa ntwa di le 1 000 le bapalami ba le 7 000 le banna ba le 20 000 ba dinao. Dafita a ba a golafatsa dipitse tsa dikoloi tsotlhe ka go di kgaola mesifa ya maoto, a sadisa dipitse di le 100 fela tsa tsona.
5
Mme ya re Basiria ba Damaseko ba tla go thusa Hatatesere kgosi ya Soba, Dafita a bolaya banna ba le 22 000 ba Basiria.
6
Dafita a ba a baya balebedi ba puso mo Siria wa Damaseko; Basiria ba nna balala ba ga Dafita ba ba mo ntshetsang lekgetho. Morena a naya Dafita phenyo gongwe le gongwe kwa a yang teng.
7
Le gona Dafita a tsaya dithebe tsa gouta tse di neng di tshotswe ke batlhanka ba ga Hatatesere, a di isa kwa Jerusalema.
8
Dafita a ba a thopa kgotlho e ntsintsi kwa metseng ya ga Hatatesere kwa Tibegathe le kwa Khune. Salomo a dira lewatle la kgotlho le maotwana le didiri tsa kgotlho ka yona.
9
E rile Thou kgosi ya Hamathe a utlwa gore Dafita o fentse mephato yotlhe ya ga Hatatesere kgosi ya Soba,
10
a roma Hatorame morwawe kwa go kgosi Dafita go mmotsa bophelo le go mo eleletsa letlhogonolo, ka a tlhabanye le Hatatesere, a mo fenya – gonne Hatatesere o ne a ntse a tlhabana le Thou – a ba a romela Dafita dilo tsa mefutafuta tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho.
11
Le tseo kgosi Dafita a di itshepisetsa Morena mmogo le selefera le gouta tse o di tsereng mo ditšhabeng tsotlhe, kwa go Baetomo le Bamoabe le Baamone le Bafelesita le Baamaleke.
12
Mme Abisai morwa Seruya a bolaya Baetomo ba le 18 000 mo lebaleng la letswai.
13
Mme Dafita a baya balebedi ba puso ya gagwe kwa Etomo. Baetomo botlhe ba nna mo pusong ya gagwe. Morena a mo naya phenyo gongwe le gongwe kwa a bololelang teng.
14
Dafita o ne a busa Iseraele yotlhe, a ntse a direla morafe otlhe wa gagwe ka molao le tshiamo.
15
Joabe morwa Seruya e ne e le molaodi wa mephato; Josafate morwa Ahilote e le seatla sa kgosi.
16
Satoke morwa Ahitube le Ahimelege morwa Abjathare e ne e le baperesiti, Sausa e le mokwaledi.
17
Benaya morwa Joyata e ne e le molaodi wa Bakerethi le Baphelethe, bafemedi ba kgosi; bomorwa Dafita ba pele ba thusa kgosi.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29