bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Chronicles 17
1 Chronicles 17
Tswana Setswana 1970
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 18 →
1
E rile Dafita a ntse a nna mo ntlong ya gagwe, a raya moporofeti Nathane a re: “Bona, nna ke nna mo ntlong ya mesetere, mme Letlole la Kgolagano ya Morena lone le fa tlase ga masela a tente.”
2
Nathane a araba Dafita a re: “Dira tsotlhe tse di mo pelong ya gago; gonne Modimo o na nao.”
3
Mme ya re bosigo joo ga tla lefoko la Modimo kwa go Nathane la re:
4
“Yaa o ree Dafita motlhanka wa me o re Morena o bua jaana o re: ‘Ga se wena o tla nkagelang ntlo ya go nna mo go yona.
5
Kana go tloga letsatsing le ke ntshitseng Baiseraele kwa Egepeto ka lone go fitlha letsatsing leno ga ke ise nke ke nne mo ntlong, ka nna ka sepela ka tente ya Taberenakele.
6
Gongwe le gongwe kwa ke ntseng ke sepetse teng le Baiseraele botlhe, a nkile ka bua lefoko fela le mongwe wa basiamisi ba Iseraele yo ke neng ke mo laetse go fudisa morafe wa me ka re: Ke ka ntlha ya eng fa lo sa nkagela ntlo ya mesetere?’
7
“Jaanong he, raya Dafita motlhanka wa me jaana o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Ke nna ke go tsereng kwa morakeng o setse dinku morago gore o nne moeteledipele wa morafe wa me wa Iseraele.
8
Ka nna nao gongwe le gongwe kwa o ne wa ya teng, ka nyeletsa baba botlhe ba gago fa pele ga gago. Le gona ke tla go direla leina le le tshwanang le leina la ba bagolo ba ba mo lefatsheng.
9
Ke tla beela morafe wa me wa Iseraele manno, ke o tlhoma gore o nne mo felong ga ona, mme o se ka wa tlhola o rerega gore ba ba setlhogo ba se tlhole ba o bogisa jaaka pele
10
go tloga malatsing a ke beileng basiamisi ka ona ba ba neng ba busa morafe wa me wa Iseraele; mme ke tla kokobetsa baba botlhe ba gago, ke be ke go itsise go re: Morena o tla go agela ntlo.
11
E tla re fa malatsi a gago a sena go tlala fa o ya go robala le borraago, ke tsose wa losika lwa gago sehularong sa gago yo o tla nnang wa bomorwao, ke tlhomamisa bogosi jwa gagwe.
12
Ene o tla nkagela ntlo, mme ke tla tlhomamisa sedulo sa gagwe sa bogosi ka bosakhutleng.
13
Ke tla nna rraagwe, ene a nne morwaake; mme ga nkitla ke tlosa bopelotlhomogi jwa me mo go ene jaaka ke bo tlositse mo go yo o neng a le pele ga gago.
14
Ke tla mmaya mo ntlong ya me le mo bogosing jwa me ka bosakhutleng; sedulo sa bogosi sa gagwe se tla tlhomama ka bosakhutleng.’ ”
15
Nathane a bolelela Dafita mafoko otlhe ao le pono yotlhe eo fela jaaka a laetswe.
16
Ke fa kgosi Dafita a tsena, a nna fa pele ga Morena a re: “Nna ke mang, Morena, Modimo? Le lotso lwa me ke eng, mo o bileng o mphitlhisitse fano?
17
Mme tseo ke tse dinnye mo matlhong a gago, Modimo; o bile o solofeditse ba lapa la motlhanka wa gago tse di kwa kgakala, mme o mpona ke le mothalo wa losika lo lo bopeletseng lwa bana ba bana, Morena, Modimo.
18
Mme Dafita o sa ntse a ka go raya a reng? Kana o itse motlhanka wa gago.
19
Morena, ke ka ntlha ya motlhanka wa gago le ka fa pelong ya gago fa o dirile selo se segolo seo sotlhe sa go itsise tiro tse dikgolo tsotlhe.
20
Morena, ga go na ope yo o tshwanang nao; le gona ga go modimo ope kwa ntle ga gago gongwe le gongwe mo re go utlwetseng ka ditsebe.
21
Ke setšhaba sefe mo lefatsheng se se tshwanang le morafe wa gago o le osi wa Iseraele o Modimo o ileng wa o ithekololela gore e nne morafe wa ona gore o itirele leina ka ditiro tse dikgolo le tse di boitshegang, ka go leleka ditšhaba fa pele ga morafe wa gago o ò o rekolotseng kwa Egepeto?
22
Mme morafe wa gago wa Iseraele ò o dirile morafe wa gago ka bosakhutleng; wena Morena o dule Modimo wa bone.
23
“Mme jaanong Morena, a lefoko le o le buileng ka ga motlhanka wa gago le ka ga lelapa la gagwe le tlhomame ka bosakhutleng, mme o dire jaaka o buile.
24
Foo leina la gago le tla ikanyega, le nna legolo ka bosakhutleng mo go tla bong go twe: ‘Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, ke ona Modimo wa Iseraele;’ foo lelapa la ga Dafita motlhanka wa gago le tla bo le tlhomame fa pele ga gago.
25
Gonne wena Modimo wa me o senoletse motlhanka wa gago gore o tla mo agela ntlo; ke ka moo motlhanka wa gago o nameditsweng pelo go rapela fa pele ga gago.
26
Mme jaanong Morena, ke wena Modimo, o buile tse di molemo tseo ka ga motlhanka wa gago.
27
Jaanong he, go kgatlhile wena go tshegofatsa lelapa la motlhanka wa gago gore le nne fa pele ga gago ka bosakhutleng; gonne se wena Morena o se tshegofaditseng se tla bo se tshegofaditswe ka bosakhutleng.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29