bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Corinthians 16
1 Corinthians 16
Tswana Setswana 1970
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
1
Fa e le dikatso tse di ntshediwang baitshepi, le lona lo dire jaaka ke laetse diphuthego tsa kwa Galatia.
2
A ka gale ka letsatsi la ntlha la tshipi mongwe le mongwe wa lona a beele sengwe fa thoko, a kgobokanye ka fa a tlhogonolofaditsweng ka teng, e se ka ya re gongwe fa ke tla, ka fitlhela e le gona go phuthwang.
3
Mme e tla re fa ke sena go goroga, bone ba lo ba tlhaotseng ke ba rome ka dikwalo go isa dikatso tsa lona kwa Jerusalema.
4
Mme fa di lekanye go isiwa ke nna, ba tla tsamaya le nna.
5
Ke tla tla koo go lona ke raletse Maketonia; gonne Maketonia ke tla mo ralala fela,
6
mme mo go lona motlhamongwe ke tla diega, gongwe ke be ke feletse mariga teng, gore lo tle lo mphelegeletse kwa ke tla yang teng.
7
Gonne ga ke rate go lo bona jaanong ka go feta fela; mme ke solofela gore ke tla tlhola le lona sebakanyana, fa Morena a ka letlelela jalo.
8
Kwa Efeso gona ke tla nna teng go fitlha Pentekoste;
9
gonne ke buletswe mojako o mogolo teng wa tiro e e nang le lesego, e bile baganetsi ba le bantsi ba teng.
10
E re fa Timotheo a goroga, lo dire gore a nne mo go lona a se na poifo; gonne o dira tiro ya Morena fela jaaka nna.
11
Jaanong a go se nne ope yo o mo nyatsang, mme mmulediseng ka kagiso gore a tle go nna; gonne nna le bakaulengwe re mo lebeletse.
12
Fa e le Apolo, mokaulengwe, ene ke mo rapetse thata gore a ye koo go lona mmogo le bakaulengwe. Mme o ne a sa rate ka gope go ya koo jaanong; o tla tla ka sebaka se se mo lebanyeng.
13
Itiseng lo tlhomame mo tumelong, itsholeng senna lo tie!
14
A tsotlhe tsa lona di dirwe ka lorato!
15
Bakaulengwe, ke a lo rapela – Lo itse ba ntlo ya ga Setefane gore ke bone badumedi ba ntlha ba Agaya, mme ba ineetse mo tirelong ya go direla baitshepi –
16
ka re: Le lona lo ikokobeletse ba ba ntseng jalo le mongwe le mongwe yo o itapisang ka go dira le rona.
17
Ke itumeletse go tla ga Setefane le Fortunato le Agaiko; gonne ba emetse lona ba lo seng teng.
18
Gonne ba lapolositse mowa wa me le mewa ya lona. Tlotlang ba ba ntseng jalo!
19
Diphuthego tsa Asia di a lo dumedisa. Akwila le Perisila ba lo dumedisa thata mo Moreneng, le phuthego e e mo ntlong ya bone.
20
Bakaulengwe botlhe ba a lo dumedisa. Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo.
21
Nna Paulo ke lo kwalela tumediso ka letsogo la ka.
22
Fa mongwe a sa rate Morena, a a hutsege! Marana tha!
23
A bopelotlhomogi jwa ga Jesu Keresete Morena bo nne le lona!
24
Lorato lwa me lo mo go lona lotlhe ka Keresete Jesu. Amen.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16