bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Corinthians 6
1 Corinthians 6
Tswana Setswana 1970
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 7 →
1
Fa mongwe wa lona a na le kgang le yo mongwe, a ka beta pelo jang go e seka fa pele ga baheitane, mme e se fa pele ga baitshepi?
2
A kampo ga lo itse gore baitshepi ba tla atlhola lefatshe? Mme fa lefatshe le tla atlholwa ke lona, a ga lo a tshwanela go atlhola dilo tse dipotlana bogolo tsa tsheko?
3
A ga lo itse gore re tla atlhola baengele? Bogolo jang dilo tsa bophelo jono!
4
Jaanong ke eng? E a re fa lo seka dilo tsa botshelo jono, lo di batlele bone ba ba sa kaiweng sepe mo phuthegong gore ba di atlhole.
5
Ke bua jalo go lo tlhabisa ditlhong. A ruri ga go na ope yo o botlhale mo go lona, le fa e le a le mongwe fela, yo o ka atlholang fa gare ga modumedi le mongwe-ka-ene?
6
Mme mo go lona modumedi o a tle a seke le mongwe-ka-ene, e bile e le fa pele ga ba ba sa dumeleng!
7
Kana e setse e le molato tota, fa lo sekisanya. Ga lo ineeleleng bogolo go siamololelwa? Ga lo itshokeleleng bogolo go thukhuthiwa?
8
Mme jaanong ke lona ba lo siamololelang ba bangwe, lo a ba thukhutha, e bile e le badumedi-ka-lona!
9
A kampo ga lo itse gore basiamolodi ga ba kitla ba rua puso ya Modimo? Se tsietsegeng; le fa e le diaka gongwe badiredi-medimo gongwe batlhadi gongwe banna ba ba akafalang le banna
10
gongwe magodu gongwe ba ba bohula gongwe matagwa gongwe bakgadi gongwe dinokwane, ga go ope wa bone yo o tla ruang puso ya Modimo.
11
Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo; mme jaanong lo tlhapisitswe, lo itshepisitswe, lo siamisitswe ka leina la Morena Jesu Keresete le ka Mowa wa Modimo wa rona.
12
Ke letleletswe tsotlhe, mme ga di thuse tsotlhe; ke letleletswe tsotlhe, mme ga ke leseletse sepe sa tsona go ntaola.
13
Dijo ke tsa mpa, mpa ke ya dijo; mme Modimo o tla di nyeletsa ka bobedi jwa tsona. Mmele ona ga se wa boaka, mme ke wa Morena, mme Morena ke wa mmele.
14
Kana Morena ke yo Modimo o mo tsositseng; le rona o tla re tsosa ka thata ya ona.
15
A ga lo itse gore mebele ya lona ke ditokololo tsa ga Keresete? A jaanong nka tsaya ditokololo tsa ga Keresete, ka di dira ditokololo tsa seaka? Le go ka!
16
A kampo ga lo itse gore yo o ngaparetseng seaka, o mmele o le mongwe fela naso? Gonne go a twe: “Ba babedi bao ba tla nna nama e le nngwe fela.”
17
Mme yo o kgomaretseng Morena ene o mowa o le mongwe fela nae.
18
Tshabang boaka! Maleo otlhe a motho o a dirang a kwa ntle ga mmele; mme yo o akafalang o leofela mmele wa gagwe.
19
A kampo ga lo itse gore mebele ya lona ke Tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo teng ga lona, o lo o amogetseng mo Modimong, e bile ga lo ba lona?
20
Lo rekilwe ka tlhwatlhwa e kgolo; galaletsang he Modimo ka mebele ya lona e e leng ya Modimo!
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16