bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Corinthians 3
1 Corinthians 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 4 →
1
Mme nna, bana ba ga Rra, ke ne ke sa ka ke ka bua le lona jaaka ba e leng ba mowa, mme e le jaaka ba e leng ba nama, jaaka masea mo go Keresete.
2
Ke lo otlile ka mašwi, e seng ka dijo tse di tiileng; gonne lo ne lo ise lo di nonofele. Tota le jaanong ga lo ise lo di nonofele.
3
Ka gonne lo sa ntse lo le ba nama. E re ka lefufa le dikgang le dikgaogano di le mo go lona, a ga lo ba nama, a ga lo tsamae ka fa boitaolong jwa motho?
4
Kana jaaka mongwe a re: “Ke wa ga Paulo;” yo mongwe a re: “Ke wa ga Apolo,” a ga lo batho fela?
5
Kana Paulo ke eng? Le Apolo ke eng? Ke badiredi fela ba lo dumetseng ka bone, mme e le ka fa Morena abetseng mongwe le mongwe ka teng.
6
Nna ke tlhomile, Apolo o nositse, mme Modimo o tlhogisitse.
7
Jaanong he, yo o tlhomang ga a sepe le yo o nosang ga a sepe; mme yo o leng sengwe ke Modimo fela o o tlhogisang.
8
Yo o tlhomang le yo o nosang ba a lekana; mme mongwe le mongwe o tla amogela tuelo ya gagwe ka fa matsapeng a gagwe.
9
Kana rona re badira-mmogo ba Modimo, lona lo temo ya Modimo, lo kago ya Modimo.
10
Nna ke thaile mothao jaaka moagi yo o botlhale ka fa bopelotlhomoging jwa Modimo jo ke bo neilweng; yo mongwe o tla aga mo go ona. Mme a mongwe le mongwe a ele tlhoko ka fa a agang mo go ona ka teng.
11
Gonne ga go ope yo o ka thayang mothao o sele, fa e se ona fela o o thailweng, e bong Jesu Keresete.
12
Mme fa mongwe a ka aga mo mothaong oo ka gouta gongwe ka selefera le fa e le ka majwe a mantle gongwe ka dikgong kampo ka bojang kampo ka dirite,
13
tiro ya mongwe le mongwe e tla bonatsega; gonne letsatsi la katlholo le tla e bonatsa, ka e tla senolwa ka molelo, mme molelo o tla leka tiro ya mongwe le mongwe gore e ntse jang.
14
Fa tiro ya motho e sa šwe e o e agileng mo go ona, o tla amogela tuelo.
15
Mme fa tiro ya motho e ka šwa, o tla senyegelwa, mme ene ka esi o tla phologa, mme e le fela jaaka yo o falotseng mo molelong.
16
A ga lo itse gore lo Tempele ya Modimo, le gore Mowa wa Modimo o agile mo teng ga lona?
17
Fa mongwe a senya Tempele ya Modimo, Modimo o tla mo senya; gonne Tempele ya Modimo e boitshepo, e lo leng yona.
18
A go se nne ope yo o itsietsang! Fa mongwe mo go lona a itshema yo o botlhale mo lefatsheng leno, a a nne bosilo gore a tle a tlhalefe;
19
gonne botlhale jwa lefatshe leno ke bosilo fa pele ga Modimo; gonne go kwadilwe ga twe: “Batlhalefi o ba tshwara mo boferefereng jwa bone.”
20
Gape go a twe: “Morena o itse maikaelelo a matlhale gore ke boithamako.”
21
Ka moo a go se nne ope yo o ipokang ka batho; gonne tsotlhe ke tsa lona;
22
le fa e le Paulo gongwe Apolo gongwe Kefa gongwe lefatshe gongwe bophelo gongwe loso gongwe tsa kajeno gongwe tse di tlang, tsotlhe ke tsa lona;
23
mme lona lo ba ga Keresete, Keresete ene ke wa Modimo.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16